TSHENOLO 18 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Go wa ga Babilone

1E rile morago ga dilo tse ka bona moengele yo mongwe a fologa mo legodimong, a na le taolo e kgolo; mme lefatshe la bonesega ka kgalalelo ya gagwe.

2 Mme a tlhaeletsa ka lentswe le le nonofileng a re: “Babilone o mogolo o ole, o ole, o fetogile boago jwa mewa e e maswe le boitswalelo jwa mowa mongwe le mongwe o o maswe, le boitswalelo jwa nonyane nngwe le nngwe e e maswe le e e ilwang.

3 Gonne merafe yotlhe e ole ka bojalwa jwa bogale jwa kgokafalo ya gagwe; dikgosi tsa lefatshe tsa gokafala nae, le babapatsi mo lefatsheng ba huma ka thata ya go hoahoega ga gagwe.”

4 Ka utlwa lentswe le lengwe le le tswang legodimong le re:

“Tswang mo go ene

lona batho ba me,

gore lo se tlhakanele nae

dibe tsa gagwe,

le gore lo se bone

dipetso tsa gagwe:

5 Gonne dibe tsa gagwe

di ile go fitlha

le kwa legodimong,

Modimo o gakologetswe

maikepo a gagwe.

6 Mo abeleng fela

jaaka a ne a tle a abe,

mme lo mo tlhatlaganyetse

tlhatlaganyo

ka fa ditirong tsa gagwe;

mo senwelong se o se tlhakantseng,

lo mo tlhakanyetse

mo go sone sebedi.

7 Lo mo lekanyetse tlhokofatso

le selelo ka fa selekanyong

sa go ikgalaletsa ga gagwe,

le go hoahoega ga gagwe;

gonne o ithaya mo pelong a re:

‘Ke dutse ke le kgosi mohumagadi,

ga ke motlholagadi,

ga nketla ke bona selelo gope.’

8Ke gone ka moo dipetso tsa

gagwe di tlaa tlang

ka letsatsi le le lengwe fela,

e bong loso, le selelo, le popamo;

o tlaa fisediwa ruri ka molelo,

gonne go thata Morena Modimo

o o mo atlhotseng.”

9 Le dikgosi tsa lefatshe tse di gokafetseng nae, tsa ba tsa hoahoega nae, di tlaa lela, di mo lelelela godimo, mogang di bonang mosi wa go ša ga gagwe,

10di emetse kgakala, ka go boifa tlhokofatso ya gagwe, di re:

“Ija! Ija! We!

A motse wa mogolo!

Babilone motse o o thata!

Gonne tshekiso ya gago e fitlhile

ka nako e le nngwe fela.”

11 Babapatsi ba ba mo lefatsheng ba lela ba mo hutsafalela, gonne go sa tlhole go le motho ope yo o rekang dithoto tsa bone;

12 thoto ya gouta, ya selefera, ya majana a a tlhokegang, ya diperela, ya leloba le le boleta, le ya bohibidu jo bo mokgona, le ya sei, le ya bohibidu jo bo letlhololo; le ya dikgong tsotlhe tse di tlhokegang thata, ya sejana sengwe le sengwe sa naka lwa tlou, le ya sejana sengwe le sengwe se se dirilweng ka logong lo lo thata go rekwa, le sa kgotlho, le sa tshipi le sa marebele;

13le thoto ya kinamone, le ya ditswaiso, le ya maswalo, le ya setlolo, le ya lebano, le ya bojalwa jwa mofine, le ya lookwane, le ya setou, le ya mabele, le ya dikgomo, le ya dinku; le thoto ya dipitse le, ya dikara, le ya batlhanka; le ya mewa ya batho.

14“Maungo a mowa wa gago

o a eleditseng a tlogile mo go wena,

le dilo tsotlhe tse di metsegang,

le tse di kgorwang di go senyegetse,

mme batho ga ba ketla ba tlhola

ba di fitlhela gope!”

15 Babapatsi ba dilo tseo, ba ba kileng ba humisiwa ke ene, ba tlaa emela kgakala ka go boifa tlhokofatso ya gagwe, ba lela, ba hutsafala;

16ba re:

“Ija! Ija wee!

A motse wa mogolo!

One o o neng o apere

leloba le le boleta,

le bohibidu jo bo mokgona,

le bohibidu jo bo letlhololo;

wa ba wa kgabisiwa ka gouta,

le ka majana a a tlhokegang,

le ka diperela!

17 Gonne mahumo a a kalokalo

a swafaditswe

ka nako e le nngwe fela.”

Le mongwe le mongwe yo e leng mong wa sekepe, le mongwe le mongwe yo o etelang gongwe le gongwe ka sekepe, le ba e leng batho ba lewatle, le botlhe ba ba ipapalelang ka lewatle, ba emela kgakala,

18 mme ba lelela godimo ka ba bona mosi wa go ša ga one, ba re: “Ana motse, e ka nna ofe o o tshwanang le motse o mogolo o?”

19 Mme ba ikubuela lorole mo ditlhogong, ba gala ka go lela le ka go hutsafala, ba re:

“Ija! Ija wee!

A motse wa mogolo!

O botlhe ba ba neng ba na le dikepe

mo lewatleng

ba humisitsweng mo go one

ka tlhwatlhwa e kgolo ya one;

gonne o swafaditswe

ka nako e le nngwe fela.

20 Wena legodimo,

o o jele koma,

le lona baitshepi,

le lona baaposetole,

le lona baperofeti;

gonne Modimo o o atlhotse

ka fa lo kileng lwa atlholwa

ke one motse oo ka gone.”

21 Mme moengele mongwe yo o thata a tsaya lentswe, e kete lolwala lo logolo, a lo thabuetsa mo lewatleng, a re:

“Babilone, motse o mogolo

o tlaa piriganngwa jalo

ka piriganyo e kgolo,

mme ga o ketla o tlhola

o bonwa gope.

22 Mantswe a baharepi,

le a baopedi le a baletsi ba ditlhaka,

le a ba dinaka,

ga a ketla a tlhola a utlwala gope

mo go wena;

le modiri,

le fa e ka bo e le wa tiro

e e ntseng jang,

ga a ketla a tlhola a bonwa

mo go wena gope;

le modumo wa lolwala

ga o ketla o tlhola o utlwala

mo go wena gope;

23le lesedi la lampa

ga le ketla le tlhola le phatsima

mo go wena gope;

le lentswe la monyadi

le la monyadwi,

ga le ketla le tlhola le utlwala

mo go wena gope;

gonne babapatsi ba ba mo go wena

e ne e le dikgosana tsa lefatshe;

gonne merafe yotlhe e ne e tsiediwa

ke boloi jwa gago.

24 Mme ga fitlhelwa madi a baperofeti,

le a baitshepi mo go one,

le a botlhe ba ba bolailweng

mo lefatsheng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help