PESALEMA 89 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kgolagano gareng ga Modimo le DafiteMasekile wa ga Ethane wa Moesera.

1Ke tlaa opela

ka ga mautlwelobotlhoko a ga

Jehofa ka bosakhutleng;

ka molomo wa me

ke tlaa itsise boikanngo jwa gago

mo tshikatshikeng tsotlhe.

2Gonne ke rile:

Boutlwelobotlhoko bo tlaa agela

ruri ka bosakhutleng;

boikanngo jwa gago o tlaa bo

tlhomamisa le mo magodimong tota.

3“Ke golaganye le moitshenkedwi wa

me ke ikanetse

Dafite motlhanka wa me.

4 Ka re: ‘Losika lwa gago ke tlaa lo

tlhomamisa ka bosakhutleng,

ke tlaa agela ruri

setulo sa gago sa bogosi,

go ya ditshikeng tsotlhe fela.’ ” Sela.

5Magodimo a tlaa baka

dikgakgamatso tsa gago, Jehofa;

boikanngo jwa gago le jone

mo phuthegong ya baitshepi.

6Gonne, e ka nna mang mo maaping

yo o ka tshwantshiwang le Jehofa?

E mang mo go bomorwa bathata

yo o tshwanang le Jehofa?

7E le Modimo o o boitshegang

thata mo lekgotleng la baitshepi;

e le o o nang le go sisimogwa

bogolo go botlhe

ba ba o dikanyeditseng?

8Jehofa Modimo wa masomosomo,

ana ke mang yo o leng mothata

jaaka wena, wena Jehofa?

O bile o dikanyeditswe

ke boikanngo jwa gago.

9O a tle o buse

boikgodiso jwa lewatle;

e re dintelo tsa lone di rwalelesega

o di didimatse.

10O thubagantse Rahabe,

jaaka mongwe yo o bolailweng;

o gasagasitse baba ba gago

ka letsogo la thata ya gago.

11Magodimo ke a gago,

lefatshe le lone ke la gago;

lobopo o lo theile

le botlalo jwa lone.

12Ke wena o tlhodileng

botsheka le borwa;

Tabore le Heremone

di itumela mo ineng la gago.

13O na le letsogo le le thata thata;

seatla sa gago se thata,

seatla sa gago se se siameng

se goletsegile.

14Tshiamiso le katlholo ke motheo

wa setulo sa gago sa bogosi;

boutlwelobotlhoko

bo eteletse sefatlhogo sa gago pele

bo na le boammaaruri.

15Go sego batho ba ba itseng

tumo e, ya boitumelo;

ba bo ba tsamaya mo leseding

la sefatlhogo sa gago, Jehofa.

16Ba tlhola letsatsi lotlhe

ba itumela mo ineng la gago;

ba golediwa mo tshiamong ya gago.

17Gonne o kgalalelo ya thata ya bone,

lonaka lwa rona lo tlaa golediwa

mo tlhogonolofatsong ya gago.

18Gonne thebe ya rona ke ya ga

Jehofa; le kgosi ya rona

ke ya Moitshepi wa Iseraele.

19Gape o kile wa bua

le baitshepi ba gago

mo ponatshegelong, wa re:

“Ke beile thuso mo go mongwe

yo o thata thata;

ke goleditse mongwe

yo o itshenketsweng mo bathong.

20 Ke bonye Dafite motlhanka wa me;

ke mo tloditse ka lookwane lwa me

lo lo boitshepo.

21Ke yo seatla sa me

se tlaa tlhomamang mo go ene;

letsogo la me le lone

le tlaa mo thatafatsa.

22Mmaba ga a ketla a mo tseela sepe

ka patiko;

le fa e le morwa boikepo

ga a ketla a mo tlhokofatsa.

23Ke tlaa thubaganyetsa baba

ba gagwe fa fatshe,

ke gaila ba ba mo ilang.

24Boikanngo jwa me

bo tlaa nna le ene,

le jone boutlwelobotlhoko jwa me;

lonaka lwa gagwe lo tlaa goletsega

mo ineng la me.

25Le gone ke tlaa baya

seatla sa gagwe mo lewatleng;

le seatla sa gagwe

se se siameng mo dinokeng.

26O tlaa goela kwa go nna, a re:

‘Ke wena rre, Modimo wa me,

le lefika la poloko ya me.’

27 Le nna ke tlaa mo dira

ngwana wa motsalwapele wa me,

mogolo wa dikgosi tsa lefatshe.

28Boutlwelobotlhoko jwa me

ke tlaa bo mmolokela

ka bosaengkae, le kgolagano ya me

e tlaa tlhomama nae.

29Le lone losika lwa gagwe

ke tlaa lo dira gore lo eme

ka bosakhutleng,

le setulo sa gagwe sa bogosi

jaaka malatsi a legodimo.

30E tlaa re fa bana ba gagwe

ba tlogela molao wa me,

mme ba sa tsamaye

mo dikatlholong tsa me;

31fa ba senya melao ya me,

ba sa boloke ditaolo tsa me;

32e dira gone ke tlaa kgophololang

tlolo ya bone ka thupa,

le boikepo jwa bone ka dinteo.

33Le fa go ntse jalo

boutlwelobotlhoko jwa me

ga nketla ke bo tlosetsa ruri

mo go ene, le fa e le go leseletsa

boikanngo jwa me go tlhaela.

34Kgolagano ya me ga nketla

ke e tlola le fa e le go fetola sone

se se duleng ka dipounama tsa me.

35Ke ikanne gangwe fela

ka boitshepo jwa me;

ga nketla ke aketsa Dafite; ka re:

36Losika lwa gagwe

lo tlaa ema ka bosakhutleng,

le setulo sa gagwe sa bogosi

se tlaa ema jaaka letsatsi

fa pele ga me.

37Se tlaa tlhomamisiwa ka

bosakhutleng jaaka kgwedi,

le jaaka mosupi

yo o ikanyegang mo loaping.”

Sela.

38Mme o latlhile, o ganne, o ntse

o galefetse motlodiwa wa gago.

39O fedisitswe pelo

ke kgolagano ya motlhanka wa gago;

o tlhapaditse serwalo sa gagwe

sa bogosi, go ya fela mo mmung.

40O rutlile dikgoro tsa gagwe tsotlhe

fela; dikago tsa gagwe tse di thata

o di ntshitse marope fela.

41Botlhe ba ba fetang ka tsela

ba a mo thopa;

o bile o dule sekgobo

mo go ba o bapileng nabo.

42O goleditse seatla se se siameng

sa baganetsi ba gagwe;

o itumedisitse baba botlhe ba gagwe.

43Ee, bogale jwa tšhaka ya gagwe

o bo phetsotse, wa ba wa se ka

wa mo emisa mo tlhabanong.

44O khutlisitse go phatsima ga gagwe,

le setulo sa gagwe sa bogosi

o se digetse fa fatshe.

45Malatsi a bokau jwa gagwe

o a khutsafaditse;

o mmipile ka ditlhong. Sela.

46E tlaa nna goleele go le kaye Jehofa?

A o tlaa iphitlha ka bosakhutleng?

Bogale jwa gago bo tlaa tuka

jaaka molelo goleele go le kaye?

47A ko o gakologelwe motlha wa me,

gore o mokhutshwane jang!

Kana bana botlhe ba batho

o ba bopetse lefela jang!

48Ana motho ke ofe

yo o tlaa tshelang

mme a se ketla a bona loso?

Yo o tlaa gololang mowa wa gagwe

mo thateng ya Bobipo e mang?

49Morena, mautlwelobotlhoko

a gago, a jale, a kwa kae,

a o kileng wa ikanela Dafite

mo boikanngong jwa gago?

50Morena, gakologelwa kgobo

ya batlhanka ba gago;

ka fa ke tshotseng kgobo ya batho

botlhe ba ba thata thata

mo sehubeng sa me ka gone;

51e baba ba gago Jehofa,

ba kgobileng ka yone,

e ba kgobileng dikgato

tsa motlodiwa wa gago ka yone.

52A go bakwe Jehofa ka bosakhutleng.

A go nne jalo, fela jalo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help