2 DIKGOSI 5 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Naamane o a fodisiwa

1 Jaana Naamane molaodi wa ntwa ya kgosi ya Siria, e ne e le kala e kgolo ya mong wa gagwe, a tlotlega, gonne Jehofa o ne a neile Basiria phenyo ka ene; e bile e le seganka se se pelokgale, mme a bo a le molepero.

2Basiria ba bo ba kile ba bolola bonokwane ba le ditlhopha, mme ba ne ba tsile ba lerile setshwarwana kwa lefatsheng la Iseraele, e le morweetsana; mme a bo a direla mosadi wa ga Naamane.

3A raya mohumagadi wa gagwe a re: “A bo morena wa me a ka bo a le kwa go moperofeti yo o kwa Samaria! O ne a tlaa fola mo leperong la gagwe.”

4Mme mongwe a tsena, a bolelela morena wa gagwe, a re: “Morweetsana yo e leng wa lefatshe la Iseraele o buile jaana le jaana.”

5Kgosi ya Siria ya re: “Tloga o tsamaye, ke tlaa romela lokwalo kwa kgosing ya Iseraele.” Mme a tsamaya; a tshola dipapetla di le 30 000 tsa selefera, le dipapetla di le 6 000 tsa gouta, le dipaka di le some tsa diaparo.

6A isa lokwalo kwa kgosing ya Iseraele, a re: “Mme jaana, e tlaa re lokwalo lo lo fitlha koo go wena, o bo o bona, ke romile Naamane motlhanka wa me koo go wena, gore o mo alafe lepero la gagwe a fole.”

7Ga dirala ya re kgosi ya Iseraele e sena go bala lokwalo, ya ikgagola diaparo, ya re: “A ke Modimo, wa go bolaya le go tshedisa, fa e tlaa bo ne ne monna yo a roma kwa go nna, a re ke alafe motho lepero la gagwe a fole? Ke a lo rapela, lo gopoleng, lo bone jaaka a senka ka fa o ka omanang le nna ka gone.”

8Ga dirala, e rile Eliša monna wa Modimo a utlwa fa kgosi ya Iseraele e ikgagotse diaparo, a roma kwa kgosing a re: “O ikgagoletseng diaparo? A a tle kwano go nna, mme o tlaa itse fa go na le moperofeti mo Iseraele.”

9Jalo Naamane a tla ka dipitse tsa gagwe le ka dikara tsa gagwe, a fitlha a ema fa mojakong wa ntlo ya ga Eliša.

10Eliša a roma motho kwa go ene, a re: “Ya o tlhape gasupa mo Joretane, mme nama ya gago e tlaa ba e boela mo go wena, o tlaa ntlafala.”

11Mme Naamane a nna bogale, a tsamaya, a re: “Bona, ke itheile ka re, ruri o tlaa tswela kwa go nna, a ema, a bitsa leina la ga Jehofa Modimo wa gagwe, a fokela felo fa go botlhoko ka letsogo la gagwe, a alafa molepero a fola.

12Abana le Farepare, dinoka tsa Damaseko, a ga di molemo bogolo go metsi otlhe a Iseraele? A ga ke kake ka tlhapa mo go tsone ka ntlafala?” Mme a retologa, a tsamaya a le bogale.

13Batlhanka ba gagwe ba atamela ba bua nae, ba re: “Rra wee, fa moperofeti a ka bo a go laotse gore o dire sengwe se segolo, a o ne o se ketla o se dira? Bogolo jang ka e le fa a go raya a re: ‘Tlhapa, mme o ntlafale?’ ”

14Foo a fologa a ikina gasupa mo Joretane, jaaka polelo ya monna wa Modimo; mme nama ya gagwe ya bowa, ya tshwana le nama ya ngwanyana fela, a ntlafetse.

15A boela kwa monneng wa Modimo, ene le lekoko lotlhe la gagwe, a fitlha a ema fa pele ga gagwe; a re: “Bona, jaana ke a itse fa go se na Modimo ope mo lefatsheng lotlhe, fa e se mo Iseraele; ke gone ke a go rapela ka re, amogela mpho mo motlhankeng wa gago.”

16Mme a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, yo ke emang fa pele ga gagwe, ga nketla ke amogela epe.” Mme a mo emelela gore a e amogele; mme a gana.

17Naamane a re: “Fa go sa nne jalo, le fa go ntse jalo, ke a go rapela, a motlhanka wa gago a newe mmu o le merwalo e le mebedi ya bommoulo, gonne motlhanka wa gago ga a ketla a tlhola a isetsa medimo epe a sele tshupelo e e fisiwang le fa e le tlhabelo, fa e se Jehofa fela.

18A Jehofa a itshwarele motlhanka wa gago mo selong se; e tlaa re fa mong wa me a ya mo ntlong ya ga Rimone, a ya go obamela gone, mme a ikaega mo tsogong la me, mme ke ikoba mo ntlong ya ga Rimone, a Jehofa a itshwarele motlhanka wa gago mo selong se.”

19A mo raya a re: “Tsamaya ka kagiso.” Jalo a tloga fa go ene a tsamaya sebakanyana.

20Gehasi motlhanka wa ga Eliša monna wa Modimo a ithaya a re: “Bona, mong wa me o rekegetse Naamane wa Mosiria yo, ka a se ka a amogela mo seatleng sa gagwe se o ne a tsile naso; jaaka Jehofa a tshedile ke tlaa mo sianela, ke ya go amogela sengwe mo go ene.”

21Gehasi a latela Naamane. E rile Naamane a bona mongwe a mo sianetse, a pagologa mo kareng ya gagwe, a ya go mo kgatlhantsha, a re: “A go siame gotlhe koo?”

22A re: “Go siame gotlhe. Mong wa me o nthomile, a re: Bona, makau a le mabedi bomorwa baperofeti, ba nkgorogetse jaana fela jaana, ba tswa lefatsheng la Eferaime la makgabana; ke a go rapela, a ko o ba neye dipapetla di le 3 000 tsa selefera, le dipaka di le pedi tsa diaparo.”

23Naamane a re: “Itumele o tseye dipapetlana tsa selefera di le 6 000.” A mo emelela, a bofelela dipapetlana di le 6 000 tsa selefera mo dikgetseng di le pedi, le dipaka di le pedi tsa diaparo, a di rwesa batlahanka ba gagwe ba le babedi; ba tsamaya ba di rwele fa pele ga gagwe.

24E rile a fitlha mo thabaneng, a di tsaya mo seatleng sa bone, a di tsenya mo ntlong; a naya banna bao tsela, ba tsamaya.

25Mme ene a tsena, a ya a ema fa pele ga mong wa gagwe. Eliša a mo raya a re: “O tswa kae Gehasi?” A re: “Motlhanka wa gago ga a ise a ye gope.”

26A mo raya a re: “A pelo ya me ga e a tsamaya nao, ka monna yole a boa kwa kareng ya gagwe a tla go go kgatlhantsha? A ke lobaka lwa go amogela madi, le go amogela diaparo, le masimo a matlhware, le masimo a mafine, le dinku le dikgomo, le batlhanka le malata?

27Ka re, lepero la ga Naamane le tlaa go ngaparela, le losika lwa gago ka bosakhutleng.” Mme a tswa fa pele ga gagwe a le molepero a le mosweu jaaka kapoko.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help