PESALEMA 46 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo ke botshabelo jwa ronaPesalema ya bomorwa Kora; e laeletswe Alamotha. Sefela. Ya moopedi yo mogolo.

1Modimo ke botshabelo jwa rona

le thata,

thuso e e gaufi thata mo tlalelong.

2Ke gone ka mo re se ketlang re boifa

le fa lefatshe le ka fetoga,

le fa dithaba di tshikinyega

mo bogareng ga mawatle;

3le fa metsi a one a suma a

kgaphasela,

le fa dithaba di kutuma

ka go ikgogomosa ga one.

Sela.

4Noka e gone e dikelelo tsa yone

di itumedisang motse wa Modimo,

e bong felo ga boitshepo

jwa metlaagana ya Mogodimodimo.

5Modimo o mo gare ga one;

ga o ketla o tshikinngwa;

Modimo o tlaa o thusa

bo sa ntse bo anoga.

6Merafe e ne ya šakgala,

magosi a tsebeetsega;

wa ntsha lentswe la one,

lefatshe la tlhapologa.

7Jehofa wa masomosomo

o na le rona;

Modimo wa ga Jakobe

ke botshabelo jwa rona. Sela.

8Tlang, lo bone ditiro tsa ga Jehofa,

e bong ditšhwafatso

tse o di dirileng

mo lefatsheng.

9O khutlisa ditlhabano

le kwa bokhutlong jwa lefatshe;

o roba bora,

o putlaganya lerumo ka bogare;

o fisa dikara tsa tlhabano

mo molelong.

10“Nang fela,

mme lo itse fa ke le Modimo;

ke tlaa godisiwa mo merafeng;

ke tlaa godisiwa mo lefatsheng.”

11Jehofa wa masomosomo

o na le rona;

Modimo wa ga Jakobe

ke botshabelo jwa rona. Sela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help