PESALEMA 45 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sefela sa nyalo ya kgosiPesalema ya bomorwa Kora. Masekile. Sefela sa marato. Ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Shošanime.

1Pelo ya me e penologa ka kgang

e e monate; ke bua dilo

tse ke di dirileng ka ga kgosi;

loleme lwa me ke sekwala sa

mokwadi yo o bofefo

mo go kwaleng.

2O montle thata

go gaisa bana ba batho;

bopelotshweu bo tshetswe

mo dipounameng tsa gago;

ke gone ka mo Modimo o go

segofaditseng ka bosakhutleng.

3Gatlha tšhaka ya gago ka fa nokeng

ya gago, wena senatla,

kgalalelo le borena ke tsa gago.

4Mo boreneng jwa gago o pagamela

pele ka go rangwa ke dilo,

ka ntlha ya boammaaruri,

le bopelonomi, le tshiamo;

seatla sa gago se segolo se tlaa

go ruta dilo tse di boitshegang.

5Metswi ya gago e bogale;

ditšhaba di wela fa tlase ga gago;

e mo pelong ya baba ba kgosi.

6 Setulo sa gago sa bogosi

se ntse ka bosenabokhutlo

le ka bosaengkae;

thobane ya bogosi jwa gago

ke thobane ya tekatekanyo.

7O ratile tshiamo, wa ila boikepo;

ke gone ka mo Modimo,

Modimo wa gago, o go tloditseng

ka lookwane lwa boitumelo,

go go fetisa dilekane tsa gago.

8Diaparo tsa gago tsotlhe di nkga

mura, le mokgapha, le kasia;

diletso tse di ditlhale

di tswa mo matlong a dinaka tsa

ditlou a kgosi,

di go jesitse monate.

9Bomorwadia dikgosi ba gone

mo basading ba ba tlotlegang

ba gaeno;

ka fa letsogong la gago le legolo

go ema mohumagadi wa kgosi

a apere gouta ya Ofira.

10Reetsa, morwadiaka,

mme o gopole,

o bo o sekege tsebe ya gago;

le gone o lebale bagaeno

le ntlo ya ga rraago.

11Jalo kgosi e tlaa eletsa bontle

jwa gago;

gonne ke ene morena wa gago;

o obamele ene.

12Le morwadia Ture

o tlaa bo a le gone a tshotse neo;

le ba e leng bahumi mo bathong

ba tlaa lopa letlhogonolo la gago.

13Morwadia kgosi mo teng ga ntlo

ya kgosi o galalela gotlhe:

diaparo tsa gagwe di logilwe

ka go tlhakanngwa le gouta.

14O tlaa isiwa kwa kgosing

a le mo diaparong tse di meroko

mentle;

le makgarebane, dilekane tsa gagwe

tse di mo etleetsang,

a tlaa isiwa kwa go wena.

15A tlaa isiwa ka boitumelo

le ka boipelo;

a tlaa tsena mo ntlong ya kgosi.

16Mo boemong jwa borraago

go tlaa nna bana ba gago,

ba o tlaa ba tlhomang go nna

dikgosana mo lefatsheng lotlhe.

17Ke tlaa dira leina la gago

gore le gakologelwe mo

ditshikatshikeng tsotlhe;

ke gone ka mo ditšhaba di tlaa go

ntshetsang malebogo

ka bosenabokhutlo le ka bosaengkae.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help