GENESISE 49 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Mafoko a bofelo a ga Jakobe

1Jakobe a bitsa bomorwawe a re: “Phuthegang, gore ke tle ke lo bolelele se se tlaa lo diralelang mo metlheng e e tlaa tlang.

2“Phuthegang, lo utlwe,

lona bomorwa Jakobe;

lo reetse Iseraele rraeno.

3Rubene,

ke wena wa ntlha wa me;

nonofo ya me

le tshimologo ya thata ya me;

tlotlomalo ya bogolo,

tlotlomalo ya bonatla.

4Ka go kgaphea kgaphea

jaaka metsi,

ga o ketla o nna le tlotlomalo:

ka go bo o kile wa tlhatlogela

kwa bolaong jwa ga rraago;

wa bo leswefatsa;

a ya mo diphateng tsa me.

5Simeone le Lefi

ke bana ba monna;

ditšhaka tsa bone

ke dibolao tsa thubakanyo.

6Ao, mowa wa me,

o se ka wa tsena

mo maomeng a bone;

kgalalelo ya me,

o se ka wa kopana

le phuthego ya bone;

gonne ba bolaile banna

ka bogale jwa bone,

le mo go itaoleng ga bone

ba kgaola dipholo mesifa.

7A go hutsege bogale jwa bone

gonne bo ne bo le bolau;

le tšhakgalo ya bone,

gonne e ne e le bolalome;

ke tlaa ba kgaoganya

mo go Jakobe,

ke ba phatlalatsa mo go Iseraele.

8Juta, wena bomorwa rraago

ba tlaa go baka;

seatla sa gago se tlaa nna

mo thamong

tsa baba ba gago.

Bomorwa rraago

ba tlaa ikoba fa pele ga gago.

9 Juta ke ngwana wa tau;

morwaaka,

o tlhatlogile mo setotong,

a inama, a namalala jaaka tau,

le jaaka tau e namagadi;

o tlaa tsosiwa e mang?

10Thobane ya bogosi

ga e ketla e tloga mo go Juta,

le fa e le lore lwa molaodi

go tloga fa gare ga dinao tsa gagwe,

go bo go tle go tsamaye

Shilo a tle pele.

Go utlwa ga ditšhaba

go tlaa nna kwa go ene.

11Ka a golegelela petsana ya gagwe

mo mofineng,

le eselana ya gagwe mo mofineng

o o tlhophegileng:

o tlhatswitse diaparo tsa gagwe

mo bojalweng jwa mofine,

le kobo ya gagwe mo mading

a loungo lwa mofine.

12Matlho a gagwe a tlaa hubidiwa

ke bojalwa jwa mofine,

le meno a gagwe

a tlaa sweufadiwa ke maši.

13Sebulone o tlaa aga

kwa bogorogelong jwa lewatle;

o tlaa nna bogorogelo jwa dikepe.

Molelwane wa gagwe

o tlaa tshwaragana le Sitone.

14Isakare ke esela e e thata,

e namaletse fa gare

ga maraka a dinku,

15mme a bona felo gongwe

ga boikhutso fa go le molemo,

le lefatshe fa le ne le le monate;

a sekegela lerudi la gagwe go sikara,

a tswa motlhanka yo o nnang

mo tirong e o e patikelwang.

16Dane o tla atlhola batho ba gagwe,

jaaka lotso longwe lwa Iseraele.

17Dane o tlaa nna noga mo tseleng;

le šaušawane e e lomang

magwejana a pitse,

mopalami a wele kwa morago.

18Jehofa, ke ntse ke lebeletse

poloka ya gago.

19Gate, setlhopha sa bonokwane

se tlaa mo pitlaganyetsa:

ene o tlaa ba pitlaganyetsa

ba hulere.

20Mo go Ašere,

dijo tsa gagwe di tlaa nna mahura,

o tlaa tswa dijo

tse di metsegang tsa segosi.

21Nafetali ke phala e namagadi

e e golotsweng;

o ntsha mafoko a a molemo.

22Josefe ke kala e e ungwang thata,

kala e e ungwang fa motsweding;

dikala tsa gagwe di tlolaganya

lorako.

23Bahudi ka metswi

ba mo tshwentse mo go botlhoko,

ba mo hula, ba mmogisa.

24Mme bora jwa gagwe

jwa nna mo thateng,

mabogo a diatla tsa gagwe

a thatafadiwa ke diatla

tsa Mothata wa ga Jakobe,

yo e leng modisa

le lefika la ga Iseraele,

25e bong ka Modimo wa ga rraago

o o tlaa go thusang,

le ka Mothatayotlhe,

yo o tlaa go segofatsang,

ka masego a legodimo kwa godimo,

le masego a boteng

jo bo namaletseng kwa tlase,

masego a mabele, le a sebopelo.

26Masego a ga rraago

a feteletse bogolo go masego

a batsadi ba me ba pele,

go ya kwa sekhutlong

sa bofelo sa dithaba

tse di emeng ka bosakhutleng.

A tlaa nna mo tlhogong

ya ga Josefe;

le mo phogong

ya gagwe yo a neng

a kgaoganye le bomorwa rraagwe.

27Benjamine

ke phiri e e phamolaphamolang:

o tlaa garola setoto ka moso,

maitseboa o tlaa aba

mo go bolailweng.”

28Botlhe bao ke bone ditso tse di 12 tsa Iseraele; mme se ke sone se rraabo o se buileng nabo a ba segofatsa; mongwe le mongwe ka fa tshegofatsong ya gagwe, a ba segofatsa.

Loso le phitlho ya ga Jakobe

29Mme a ba laya, a ba raya a re: “Ke na le go phuthelwa kwa bathong ba gaetsho; lo mphitlhe fa go borraetsho mo logageng lo lo mo sebateng sa naga sa ga Eferone wa Mohite.

30 Mo logageng lo lo mo nageng ya Makapela, bolebana le Mamere, kwa lefatsheng la Kanana, lo Aberahame o lo rekileng le sebata sa naga mo go Eferone wa Mohite go nna boswa jwa phitlhelo.

31 Ba fitlhile Aberahame le Sara mosadi wa gagwe gone; ba fitlhile Isake le Rebeka mosadi wa gagwe gone; ka fitlha Lea gone.

32Ke raya sebata sa naga le logaga lo lo mo go sone, mo go rekilweng mo baneng ba ga Hethe.”

33 E rile Jakobe a sena go wetsa go laya bomorwawe, a gonela dinao tsa gagwe mo bolaong, a khutla, mme a phuthelwa kwa bathong ba ga gabo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help