DIANE 7 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Morwaaka, tshegetsa mafoko a me, o beye ditaolo tsa me fa go wena.

2Tshegetsa ditaolo tsa me o tshele; le molao wa me jaaka thaka ya leitlho la gago.

3O di bofelele mo menwaneng ya gago; o di kwale mo sekwalelong sa pelo ya gago.

4Raya botlhale o re: “O kgaitsadiake;” o reye tlhaloganyo o re: “O wa bana ba ga mme;”

5gore ba go dibele mo mosading wa seeng, mo moennyeng yo o fakang ka mafoko a gagwe.

Mosadi yo o seaka

6Gonne e kile ya re ka fa seiponing sa ntlo ya me ka okomela ka marofana,

7mme ka bona mo go ba ba sa tlhalefang, ka lemoga mo makaung, motho mongwe wa lekau yo o se nang tlhaloganyo,

8a feta le mmila gaufi le kgokgotsho ya mosadi yoo, mme a otobela kwa tseleng e e yang kwa ntlong ya gagwe;

9ka lotlatlana, ka maabanyane, mo bontshong jwa bosigo, le jwa lefifi.

10Mme bonang, a kgatlhantshiwa ke mosadi a apere diaparo tsa seaka, mme a le pelo e e boitobo.

11O a tle a phokelele, a itaole, dinao tsa gagwe ga di ke di nna mo ntlong ya gagwe:

12Jaana o mo mebileng, kgantele o mo dipatlelong, mme a lalele fa marakanelong a otlhe.

13Jalo a mo tshwara a mo atla, a iphimola sefatlhogo, a mo raya a re:

14“Ditlhabelo tsa ditshupelo tsa kagiso di kwa go nna; ke lefetse maikano a me ka tsatsi leno.

15Ke gone ke moo ke duleng go go kgatlhantsha, go batla sefatlhogo sa gago ka tlhoafalo, jaanong ke go fitlhetse.

16Ke adile bolao jwa me ka diphate tse di matsabatsaba, le ka matsela a a mebalabala a tlhale ya Egepeto.

17Ke natefesitse bolao jwa me ka malao a mera, le aloe, le kinamone.

18Ntlo, re ineele mo thatong ka botlalo go ya mosong; a re ikgomotse ka marato.

19Gonne monna ga a yo mo gae, o ile loetong lo loleele.

20O tshotse kgetsi ya madi; o tlaa boela gae kgwedi e le tshweu.”

21A mo kgona ka go bua sentle ga gagwe mo gogolo, a mo kgola ka go haka ga dipounama tsa gagwe.

22A mo sala morago ka bonako, jaaka kgomo e ya go tlhajwa, kgotsa jaaka seiaie fa se ya dikgolegong tsa kwatlhao;

23go tsamaya motswi o mo phololetsa sebete; jaaka nonyane e tle e itlhaganelele seru, e sa itse fa e le tatlhego ya botshelo.

24Ke gone jaana bomorwaaka, ntheetsang, lo tlhokomele mafoko a molomo wa me.

25A pelo ya gago e se ka ya fapogela kwa tseleng ya gagwe, o se ka wa timelela mo ditselaneng tsa gagwe.

26Gonne o digile batho ba le bantsi ba ntshitswe dintho; ee, ba ba bolailweng ke ene ke bontsi jo bogolo.

27Ntlo ya gagwe ke tsela e e yang Bobipong, e fologela mo matsatseng a loso.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help