1Ke tsholeletsa matlho a me
kwa go wena,
wena yo o dutseng mo magodimong.
2Bonang, jaaka matlho a batlhanka
a tle a lebe seatla sa mong wa bone;
jaaka matlho a lelata a tle a lebe
seatla sa mohumagadi wa lone;
jalo matlho a rona
a leba Jehofa Modimo wa rona,
a ba a tle a re utlwele botlhoko.
3Re utlwele botlhoko, Jehofa,
re utlwele botlhoko;
gonne re tladitswe lonyatso
mo go feteletseng.
4Mowa wa rona
o tladitswe mo go feteletseng
ka lesotlo la ba ba iketlileng fela,
le ka lonyatso
lwa ba ba pelompe fela.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
