JEREMIA 30 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Tsholofetso ya Morena mo bathong ba one

1Lefoko le le tsileng mo go Jeremia le tswa kwa go Jehofa, la re:

2“Go bua jaana Jehofa, Modimo wa Iseraele, a re: Kwala mafoko otlhe a ke a buileng nao mo lokwalong.

3Gonne bona, metlha e etla, go bua Jehofa, e ke tlaa sokololang botshwaro jwa batho ba me ba Iseraele, le ba Juta ka yone, go bua Jehofa; ke tlaa ba busetsa kwa lefatsheng le ke le neileng borraabo, mme ba tlaa le rua.”

4A ke one mafoko a Jehofa o a buileng ka ga Iseraele le ka ga Juta.

5“Gonne Jehofa o bua jaana, a re:

Re utlwile magweregwere

a lentswe la thoromo,

la poifo, e seng la kagiso.

6Botsang jaana, lo bone,

bo monna o tle a nne mo pelegong;

go ntse jang ka ke bona

monna mongwe le mongwe

a itshwere dinoka,

jaaka mosadi fa a le mo pelegong,

le difatlhogo tsotlhe di khwatetse?

7Ija we! Gonne letsatsi leo le logolo,

go bile go se na lepe

le le tshwanang nalo;

ke motlha wa khuduego

ya ga Jakobe fela;

mme o tlaa gololwa mo go lone.

8“Go tlaa dirala mo tsatsing leo, go bua Jehofa wa masomosomo, a re: Ke tlaa roba jokwe ya gagwe ke e tlosa mo thamong ya gago, ke tlaa komoganya dikgolego tsa gago, mme baeng ga ba ketla ba tlhola ba itirela ka ene.

9Ba tlaa direla Jehofa Modimo wa bone, le Dafite kgosi ya bone, yo ke tlaa mo ba tsosetsang.

10 “Ke gone, o se ka wa boifa,

wena Jakobe motlhanka wa me,

go bua Jehofa;

o se ka wa rerega wena Iseraele;

gonne bona,

ke tlaa go golola o le kgakala,

le losika lwa gago

lo le kwa lefatsheng la botshwaro jwa bone;

mme Jakobe o tlaa boa,

o tlaa nna mo thagamong le mo boiketlong,

ga go na ope yo o tlaa mmoifisang.

11Gonne ke na nao,

go bua Jehofa, go go golola;

gonne ke tlaa nyeleletsa ruri merafe yotlhe

e ke go falaleditseng kwa go yone,

mme wena

ga nketla ke go nyeletsa ruri;

ke tlaa go siamisa ka tekanyo,

ga nketla ke go lesa gope o sa bediwa.”

12Gonne Jehofa o bua jaana, a re:

“Thobego ya gago ke e e sa foleng,

ntho ya gago e botlhoko thata.

13Ga go na ope

yo o ka go rapelelang,

gore o tle o fapiwe;

ga o na melemo epe e e fodisang.

14Dinyatsi tsotlhe tsa gago

di go lebetse, ga di go batle;

gonne ke go bolaile

ka ntho ya mmaba,

ka kwatlhao ya motho

yo o bolalome;

ka ntlha ya bogolo

jwa boikepo jwa gago,

gonne dibe tsa gago

di ne di ntsifetse.

15O goelang thobego ya gago?

Bolwetse jwa gago

ke jo bo sa foleng;

ke go diretse dilo tse

ka ntlha ya bogolo

jwa boikepo jwa gago,

le ka gonne dibe tsa gago

di ne di ntsifetse.

16Ke gone ka moo botlhe

ba ba go jang ba go fetsa

ba tlaa jewa ba fediwa;

le baba botlhe ba gago,

mongwe le mongwe wa bone

ba tlaa ya botshwarong;

ba ba go thopang ba tlaa nna thopo,

le botlhe ba ba go bolayang

ke tlaa ba neela polaong.

17Gonne ke tlaa busetsa go fola

mo go wena,

ke tlaa go fodisa dintho,

go bua Jehofa;

gonne ba go biditse molatlhwa

ba re: ‘Ke Sione

yo o sa batlweng ke ope.’ ”

18Jehofa o bua jaana, a re:

“Bonang,

ke tlaa ba ke sokolola botshwaro

jwa megope ya ga Jakobe,

ke tlaa tlhomogela maago a gagwe

pelo;

mme motse o tlaa agiwa

godimo ga ditsha tsa one,

le ntlo ya kgosi e tlaa nnwa

ka fa mokgweng wa yone.

19Go tlaa tswa malebogo

mo go one,

le modumo wa ba ba dirang mokete

ke tlaa ba ntsifatsa,

ga ba ketla ba nna babotlana;

le gone ke tlaa ba galaletsa,

ga ba ketla ba nna bannye.

20Le bana ba bone

ba tlaa nna jaaka ga ntlha,

le phuthego ya bone

e tlaa tlhomama fa pele ga me,

mme ke tlaa betsa botlhe

ba ba ba patikang.

21Kgosana ya bone

e tlaa nna yo e leng wa ga bone fela,

le mmusi wa bone e tlaa nna

yo o tswang mo gare ga bone;

ke tlaa mo atametsa,

mme o tlaa atamela mo go nna;

gonne ke mang yo o kileng a nna

le pelokgale ya go nkatamela?

Go bua Jehofa.

22Lo tlaa nna batho ba me,

le nna ke tlaa nna Modimo

wa lona.”

23Bonang, ledimo la ga Jehofa,

e bong tšararego ya gagwe,

le dule e le ledimo le le gogobang;

le tlaa thubegela

mo tlhogong tsa baikepi.

24Bogale jo bo tukang jwa ga Jehofa

ga bo ketla bo bowa,

go tsamaya a dirafatsa,

le go tsamaya a dira maikaelelo

a pelo ya gagwe;

lo tlaa go tlhaloganya

mo metlheng ya bofelo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help