GENESISE 33 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jakobe o kopana le Esau ka tetlano

1Jakobe a tsholetsa matlho a gagwe a leba, mme bonang, Esau a bo a tla le banna ba le 400 nae. Mme bana a ba kgaoganyetsa Lea, le Ragele le malata a mabedi.

2A baya malata a mabedi le bana ba one kwa pele pele, Lea le bana ba gagwe fa morago, Ragele le Josefe kwa moragorago.

3Ene ka esi a fetela kwa pele ga bone, a inamela fa fatshe gasupa, a ba a tla a atamela fa go mogolowe.

4Esau a siana a ya go mo kgatlhantsha, a mo kamatlela, a mo atla; mme ba lela.

5A tsholetsa matlho a gagwe a bona basadi le banyana; mme a re: “Ba o nang nabo ke bomang?” A re: “Ke bana ba Modimo o ba neileng motlhanka wa gago ka bopelonamagadi jwa one.”

6Foo malata a atamela, one le bana ba one, mme ba inama.

7Lea le ene a atamela le bana ba gagwe, ba inama; morago ga tla Josefe le Ragele, ba inama.

8Mme a re: “O a reng ka lesomo le le kanakana le ke kopanyeng nalo?” Jakobe a re: “Ke gore ke bone tsalano mo matlhong a morena wa me.”

9Esau a re: “Ke na le tsetsho, di ntekanye; a se o nang naso e nne sa gago fela nnaka.”

10Jakobe a re: “Nnyaa, ke a go rapela, a e re fa ke bonye tsalano mo matlhong a gago, foo o amogele mpho ya me mo seatleng sa me; ka e le fa ke bonye sefatlhogo sa gago, mme ka go natefela fela jaaka motho a bona sefatlhogo sa Modimo.

11Ke a go rapela, a ko o amogele mpho ya me e e isitsweng kwa go wena; ka gobo Modimo o ntiretse ka pelonamagadi, ka ke bile ke na le mo go ntekanyeng.” A mo emelela, mme a e tsaya.

12A re: “A re nanoge, re tsamaye mmogo, ke tlaa go etelela pele.”

13A mo raya a re: “Morena wa me o a itse fa bana ba sa le diramatlana le go re matsomane le matlhape a ke nang nao a a amusa. Mme fa ba ka di kgweetsa ka potlako letsatsi le le lengwe fela, matsomane otlhe a ka swa.

14Ke a go rapela, a morena wa me a fetele kwa pele ga motlhanka wa gagwe; nna ke tlaa goga ka papetletso ka fa mosepeleng wa matlhape a a kwa pele ga me, le ka fa mosepeleng wa banyana, ke tle ke tsamaye ke fitlhe koo go morena wa me kwa Seire.”

15Esau a re: “Mma ke go tlogelele batho bangwe ba ke nang nabo.” Mme a re: “E tlaa bo e le ka ntlha yang? A nke ke bone tsalano mo matlhong a morena wa me.”

16Jalo Esau a boa ka letsatsi leo a leba kwa Seire.

17Jakobe a etela kwa Sukothe, a ikagela ntlo, a direla dikgomo tsa gagwe diobo; ke gone ka moo leina la felo foo le bidiwang Sukothe.

18Jakobe a fitlha ka kagiso kwa motseng wa Shekeme, o o mo lefatsheng la Kanana, ka a tswa kwa Patanaarame; a thibelela fa pele ga motse.

19 Sebata sa lefatshe sa fa o tsharolotseng mogope wa gagwe gone, a se reka mo seatleng sa bana ba ga Hamore rra Shekeme, ka dipapetla tsa madi di le lekgolo.

20A aga aletara gone, a e raya leina a re: Elelohe-Iseraele. (Ke go re: Modimo wa Iseraele.)

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help