ESETHERE 10 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Moretekai o a godisiwa

1Kgosi Ahasueruse a tlhoma lekgetho mo lefatsheng le mo ditlhakeng tsa lewatle.

2Ditiro tsotlhe tsa thata ya gagwe le tsa bonatla jwa gagwe, le polelo e e tletseng ya bogolo jwa ga Moretekai, jo kgosi e mo godiseditseng kwa go jone, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalelo tsa dikgosi tsa Media le Peresia?

3Gonne Moretekai wa Mojuta o ne a rulaganye le kgosi Ahasueruse, a le mogolo mo Bajuteng, a amogetswe ke bontsi jwa bana ba ga rraagwe; a ntse a batla gore batho ba ba ga gabo ba bone molemo, a ba a ntse a bua kagiso le losika lotlhe lwa gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help