1 Jaana Eliša o ne a buile le mosadi yo o mo rudiseditseng morwawe, a re: “Nanoga, o tsamaye le ba ntlo ya gago, o ye go jaka kwa o ka jakang gone, gonne, Jehofa o kuile leuba; le gone le tlaa nna mo lefatsheng ka dinyaga di supa.”
2Mosadi a nanoga a dira jaaka lefoko la monna wa Modimo; a ya le ba ntlo ya gagwe, a jaka mo lefatsheng la Bafilisitia ka dinyaga di supa.
3Ga dirala e rile dinyaga di supa di sena go feta, mosadi a boa a tswa kwa lefatsheng la Bafilisitia; a tswa a ya go ikuela kgosi ka ga ntlo ya gagwe le ka ga lefatshe la gagwe.
4Jaana kgosi ya bo e bua le Gehasi motlhanka wa monna wa Modimo, a re: “Ke a go rapela, mpolelela dilo tsotlhe tse dikgolo tse Eliša o di dirileng.”
5Ga dirala ya re a sa ntse a bolelela kgosi jaaka a rudisitse motho yo o suleng, bona, mosadi yo morwawe o ne a mo rudisitse, a ikuela kgosi ka ga ntlo ya gagwe le ka ga lefatshe la gagwe. Gehasi a re: “Kgosi, morena wa me, mosadi ke ene yo, le morwawe ke ene yo, yo Eliša o mo rudisitseng.”
6Ya re kgosi e botsa mosadi, a e bolelela. Kgosi ya roma mogolwane mongwe ya re: “Mo rebolele gotlhe mo e neng e le ga gagwe, le maungo otlhe a lotlhagare, go tswa letsatsing le o tlogetseng lefatshe ka lone, go tla nakong eno.”
Eliša le kgosi Benehatate wa Siria7Eliša a tla mo Damaseko; Benehatate kgosi ya Siria o ne a lwala; mme a bolelelwa ga twe, monna wa Modimo o tsile mono.
8Kgosi ya raya Hasaele ya re: “Tsaya neo mo seatleng sa gago, o ye go kgatlhantsha monna wa Modimo, o botse mo go Jehofa ka ene, o re, ga twe: A ke tlaa fola mo bolwetseng jo?”
9Jalo Hasaele a ya go mo kgatlhantsha, a tshotse neo, e bong ya sengwe le sengwe se se molemo sa Damaseko, merwalo e le 40 ya dikamela, a fitlha a ema fa pele ga gagwe, a re: “Morwao Benehatate kgosi ya Siria, o nthomile kwano go wena, a re, a ke tlaa fola mo botlhokong jo?”
10Eliša a mo raya a re: “O ka ya wa mo raya wa re: ‘Ruri o ka fola.’ Le fa go ntse jalo Jehofa o ntshupeditse fa a tlaa swa ruri.”
11Mme a tlhoma sefatlhogo sa gagwe mo go ene a mo leba thata, a ba a tla a tlhajwa ke ditlhong; monna wa Modimo a lela.
12Hasaele a re: “Ana morena wa me o lelelang?” A mo fetola a re: “Ka gonne ke a bo itse bosula jo o tlaa bo direlang bana ba Iseraele; gonne o tlaa thetheletsa dikago tsa bone tse di thata ka molelo, o tlaa bolaya makau a bone ka tšhaka, o tlaa phatlakanya banyana ba bone, o roposa basadi ba bone ba ba ithweleng.”
13 Hasaele a re: “Motlhanka wa gago e be e le eng, yo ke leng ntša fela, fa e ka bo ne ne a ka dira selo se segolo se?” Eliša a re: “Jehofa o ntshupeditse fa o tlaa nna kgosi ya Siria.”
14Foo a tloga mo go Eliša, a tla kwa go mong wa gagwe; ene a mo raya a re: “Eliša o go reile a reng?” Mme a re: “O mpoleletse fa ruri o tlaa fola.”
15Mme ga dirala ya re ka moso a tsaya letsela le le khurumetsang, a le ina mo metsing, a le baya mo sefatlhogong sa gagwe, a ba a tla a swa; mme Hasaele a busa mo boemong jwa gagwe.
Puso ya ga kgosi Jorame wa Juta(2 Ditiraf 21:1-6)16E rile ka ngwaga wa botlhano wa ga Jorame morwa Ahabe, kgosi ya Iseraele, Jehošafate e le kgosi ya Juta mo lobakeng loo, Jorame morwa Jehošafate kgosi ya Juta a simolola go busa.
17E rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 32; mme a busa ka dinyaga tse di 8 mo Jerusalema.
18A sepela mo tseleng ya dikgosi tsa Iseraele, jaaka go dirile ba ntlo ya ga Ahabe, gonne o ne a nyetse morwadia Ahabe. A dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa.
19 Mme le fa go ntse jalo Jehofa a gana go senya Juta, ka ntlha ya ga Dafite motlhanka wa gagwe, ka a mo solofeditse fa a tlaa mo naya lobone lwa bana ba gagwe ka metlha yotlhe.
20 Ya re mo metlheng ya gagwe Baetome ba tsuololela Bajuta, ba itirela kgosi.
21Foo Jorame a kgabaganyetsa kwa Saire a na le dikara tsotlhe tsa gagwe; a tsoga bosigo, a kgemetha Baetome ba ba mo dikanyeditseng, le balaodi ba dikara; mme batho ba tshabela kwa megopeng ya bone.
22Jalo Baetome ba sa le ba tsuololela Bajuta, le gompieno. Foo Balibena ba tsuolola e ntse e le ka lone lobaka loo.
23Ditiro tse dingwe tsa ga Jorame, le tsotlhe tse o ne a di dira, a ga dia kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalo tsa dikgosi tsa Juta?
24Mme Jorame a robala le borraagwe, a fitlhwa le borraagwe mo motseng wa ga Dafite, mme Ahasia morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.
Puso ya ga Ahasia wa Juta(2 Ditiraf 22:1-6)25E rile ka ngwaga wa lesome le bobedi wa ga Jorame morwa Ahabe kgosi ya Iseraele, Ahasia morwa Jehorame kgosi ya Juta a simolola go busa.
26Ahasia o rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 22; mme a busa ka ngwaga o le mongwe fela mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Athalia, morwadia Omeri, kgosi ya Iseraele.
27Mme a sepela mo tseleng ya ba ntlo ya ga Ahabe, a dira se se bosula mo ponong ya ga Jehofa, jaaka go dirile ba ntlo ya ga Ahabe; gonne e le mongwe wa ntlo ya ga Ahabe.
28A bolola le Jorame morwa Ahabe, ba ya go tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria kwa Ramothe-gileate; mme Basiria ba tlhaba Jorame.
29Kgosi Jorame a boela kwa Jesereele a ya go alafiwa dintho tse Basiria ba di mo ntshitseng kwa Rama, jale ka a tlhabana le Hasaele kgosi ya Siria. Ahasia morwa Jorame kgosi ya Juta, a ya go lekola Jorame morwa Ahabe kwa Jesereele, ka a ne a lwala.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.