PESALEMA 128 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Lesego ke la yo o boifang JehofaSefela sa Ditlhatlogo.

1Go sego mongwe le mongwe

yo o boifang Jehofa,

yo o tsamayang mo ditseleng

tsa gagwe.

2Gonne o tlaa ja tiro ya diatla

tsa gago; o tlaa segofala,

mme go tlaa nna sentle nao.

3Mosadi wa gago o tlaa nna

jaaka mofine o o ungwang thata

mo tengteng ga ntlo ya gago;

bana ba gago ba tlaa nna

jaaka matswela a motlhware,

ba dikanyetsa lomati lwa bojelo

lwa gago.

4O bo o bone gore

monna yo o boifang Jehofa

o tlaa segofadiwa jalo.

5Jehofa o tlaa go segofatsa

a le mo Sione;

mme o tlaa bona molemo wa

Jerusalema ka malatsi otlhe

a botshelo jwa gago.

6Ee, o tlaa bona bana ba bana

ba gago.

A kagiso e nne mo go Iseraele.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help