TSHENOLO 12 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Mosadi le kgogela

1Ga bonala sesupo se segolo mo legodimong; e bong mosadi a apere letsatsi, kgwedi yone e le fa tlase ga dinao tsa gagwe, mo tlhogong ya gagwe go le serwalo sa dinaledi di le 12.

2A bo a le moimana; mme a goa ka go iteka mo pelegong, a le mo botlhokong jwa go gololwa.

3 Mme ga bonala sesupo se sengwe mo legodimong; bonang, ga bo go le kgogela e kgolo e le khibidu, e na le ditlhogo di supa, le dinaka di le some, mo ditlhogong tsa yone ga bo go le dirwalo tsa mekgabo di supa.

4 Mogatla wa yone, wa bo o goga ntlha ya seraro ya dinaledi tsa legodimo, mme ya di latlhela kwa lefatsheng. Kgogela ya ema fa pele ga mosadi yo o tlaa tlogang a belega, gore e tle e re a sena go belega, e be e je ngwana wa gagwe.

5 Mme a belega ngwana, ngwana wa mosimane, yo e leng ene yo o tlaa busang ditšhaba tsotlhe ka tsamma ya tshipi; mme ngwana wa gagwe a phamolwa a isiwa kwa Modimong, le kwa setulong sa one sa bogosi.

6Mosadi a tshabela kwa nageng kwa o baakanyeditsweng bonno ke Modimo teng, gore ba tle ba mo otlele gone ka malatsi a le 1 260.

7 Mme ga nna ntwa mo legodimong; Mikaele le baengele ba gagwe ba bololela kgogela, ba ya go tlhabana nayo. Kgogela ya tlhabana e na le baengele ba yone;

8mme ba se ka ba fenya, le gone ba se ka ba tlhola ba nna le bonno mo legodimong.

9 Mme kgogela e kgolo, noga ya bogologolo ya piriganngwa, yone e e bidiwang Diabolo le Satane, motsietsi wa lefatshe lotlhe; ya piriganyediwa koo kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase nayo.

10 Ka utlwa lentswe le legolo mo legodimong le re: “Gompieno go tsile poloka, le thata, le bogosi jwa Modimo wa rona, le taolo ya ga Keresete wa one; gonne mopateletsi wa bakaulengwe ba rona, yo o ntseng a ba pateletsa fa pele ga Modimo wa rona motshegare le bosigo, o piriganyeditswe kwa tlase.

11Ba mo fenya ka ntlha ya madi a ga Kwana, le ka ntlha ya lefoko la tshupo ya bone; ba se ka ba rekegela botshelo jwa bone le go ya kwa losong.

12Ke gone a lo ke lo itumeleng, lona magodimo, le lona ba lo agileng mo go one. A bo go latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.”

13E rile kgogela e lemoga fa e latlhetswe kwa tlase kwa lefatsheng, ya bogisa mosadi yo o belegang ngwana wa mosimane.

14 Mme mosadi a newa diphuka tse pedi tsa ntswi yo motona, gore a fofele kwa nageng, kwa bonnong jwa gagwe, kwa o otlwang teng ka motlha, le metlha, le ntlha e nngwe ya motlha, a itshabisa sefatlhogo sa noga.

15Mme noga ya tšhabanya metsi ka legano sehularong sa mosadi, a nna jaaka noka; e le gore noka e tle e mo tseye.

16Lefatshe la thusa mosadi, lefatshe la atlhamologa, la metsa noka e kgogela e e tšhabantseng ka legano la yone.

17Kgogela ya nna bogale le mosadi, ya feta ya ya go tlhasela ba ba setseng ba losika lwa gagwe, ba ba ntseng ba bolokile ditaolo tsa Modimo, ba dumetse tshupo ya ga Jesu; mme ya ema fa mošaweng wa lewatle.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help