ISAIA 38 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Bolwetse jwa ga kgosi Hesekia le go fola ga gagwe(2 Dikg 20:1-11; 2 Ditiraf 32:24-26)

1E rile mo malatsing ao, Hesekia a lwala ga go swa. Mme moperofeti Isaia morwa Amose a tla kwa go ene, a mo raya, a re: “Go bua jaana Jehofa, a re: ‘Baakanya ntlo ya gago; gonne o tlaa swa, ga o nka o tshela.’ ”

2Foo Hesekia a ithetolola sefatlhogo a leba kwa lomoteng, mme a rapela Jehofa, a re:

3“A ko o gakologelwe jaana, Jehofa ke a go rapela, ka fa ke tsamaileng fa pele ga gago ka gone mo boammaaruring, le ka pelo e e itekanetseng, mme ke dirile se se molemo mo matlhong a gago.” Mme Hesekia a lela mo go botlhoko.

4Foo ga tla lefoko la ga Jehofa kwa go Isaia, la re:

5“Ya o reye Hesekia o re: Go bua jaana Jehofa, Modimo wa ga Dafite rraago, a re: Ke utlwile morapelo wa gago, ke bonye dikeledi tsa gago; bona, ke tlaa oketsa malatsi a gago ka dinyaga di le 15.

6Ke tlaa golola wena le motse o mo seatleng sa kgosi ya Asiria; mme ke tlaa femela motse o.

7“Mme se, e tlaa nna sesupo mo go wena se tswa kwa go Jehofa, fa Jehofa a tlaa dira selo se, se o se buileng:

8Bona, moriti o o fologileng direpudi di le some mo direpuding tsa ga Ahase, ke tlaa o busetsa kwa morago direpudi di le some.” Jalo letsatsi la boa direpudi di le some mo direpuding tse le ne le fologile mo go tsone.

9Ke lone lokwalo lwa ga Hesekia kgosi ya Juta fa a sena go lwala, mme a fodile mo pobolong ya gagwe.

10A re: “Ke rile:

“ ‘Ke tlaa ya go tsena mo dikgorong

tsa Bobipo,

motshegare wa malatsi a me

o sa ntse o le mogolo;

ke tseetswe makunantshana

a dinyaga tsa me.’

11Ke rile:

Ga nketla ke bona Jehofa,

e bong Jehofa mo lefatsheng

la batshedi:

ga nketla ke tlhola ke leba motho

gope a na le banni ba lobopo.

12Bonno jwa me bo tlhomotswe,

bo ntloseditswe jaaka mogope

wa modisa,

ke tshophile botshelo jwa me

jaaka mologi wa matsela;

o tlaa nkgaola mo selogong;

go tswa motshegareng go ya fela

bosigong

o tlaa ntshwetsa o nkhutlisa.

13Ka ikgaodisa ga tsamaya ga nna

moso;

jaaka tau, o robelela marapo a me

otlhe fela;

go tswa mo motshegareng

go ya fela bosigong

o tlaa ntshwetsa o nkhutlisa.

14Jaaka peolwane kgotsa mogolori,

ka tswirinya jalo;

ka lela jaaka letseba;

matlho a me a lapa ka go lelala;

Jehofa, ke patikegile,

a ko o nne moemedi wa me.”

15Ke tlaa reng?

Ene o buile le nna,

mme o bile o se dirile ka esi;

ke tlaa tsamaya ka mongodi

ka dinyaga tsotlhe tsa me

ka ntlha ya bogalaka

jwa mowa wa me.

16Morena, batho ba tshela ka dilo tse,

mme botshelo jwa mowa wa me

jotlhe fela bo fela mo go tsone;

ke gone a ko o mphodise o ntshedise.

17Bona, e ne e le gore

ke tlelwe ke kagiso

fa ke ne ke na le bogalaka jo bogolo;

mme ke ka ntlha ya go rata mowa wa me

o o swatotse mo moleteng

wa sebodu;

gonne o latlhetse dibe tsa me tsotlhe

kwa morago ga gago.

18Gonne phupu ga e kake ya go baka,

loso ga lo kake lwa go jela

moopelane;

ba ba fologelang mo moleteng

ga ba kake ba solofela boammaaruri

jwa gago.

19Motshedi, motshedi ene,

o tlaa go baka,

jaaka ke dira gompieno;

rra bana o tlaa itsise bana

boammaaruri jwa gago.

20Jehofa o iketleeditse go mpoloka;

ke gone ka moo re tlaa opelang

difela tsa me

ka diletso tse di ditlhale,

ka malatsi otlhe a botshelo jwa rona,

mo ntlong ya ga Jehofa.

21Jaana Isaia o ne a rile: “A ba tseye mongoloi wa difeiye, ba o beye semanego mo sesong, mme o tlaa fola.”

22Hesekia le ene o ne a rile: “Sesupo ke eng sa fa ke tlaa tlhatlogela kwa ntlong ya ga Jehofa?”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help