PESALEMA 143 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go gololwaPesalema ya ga Dafite.

1Utlwa morapelo wa me Jehofa;

sekegela mekokotlelo ya me tsebe;

o nkarabe mo boikanngong jwa

gago, le mo tshiamong ya gago.

2 O se ka wa seka

le motlhanka wa gago;

gonne mo ponong ya gago

ga go na motshedi ope

yo o ka nnang tshiamo.

3Gonne mmaba

o bogisitse mowa wa me;

o thubanyeditse botshelo jwa me

fa fatshe;

o mpatiketse go aga

mo mafelong a lefifi

jaaka ba ba sa bolong go swa.

4Ke gone ka moo

mowa wa me o phikameng

mo teng ga me;

pelo ya me e swafetse

mo teng ga me.

5Ke gakologelwa metlha

ya bogologolo;

ke akanya go dira ga gago;

ke tlhatlhanya ditiro

tsa diatla tsa gago.

6Ke otlololela diatla tsa me

kwa go wena;

mowa wa me o go nyorelwa

jaaka lefatshe le le kgalegileng.

7Jehofa, akofa o nkarabe;

mowa wa me o a fela;

se mphitlhele sefatlhogo sa gago;

nka tla ka nna

jaaka ba ba fologelang mo moleteng.

8Nkutlwisa bopelonomi jwa gago

jwa lorato mo mosong;

gonne ke ikanya mo go wena;

nkitsise tsela e ke tshwanetseng

go tsamaya mo go yone;

gonne ke tsholeletsa mowa wa me

koo go wena.

9Jehofa, nkgolola mo babeng ba me;

ke tshabela koo go wena

gore o mphitlhe.

10O nthute go dira go rata ga gago;

gonne o Modimo wa me;

mowa wa gago o molemo;

o nkgoge mo lefatsheng

la thokgamo.

11Ntsitsibosa, Jehofa,

ka ntlha ya leina la gago;

mo tshiamong ya gago

o ntshe mowa wa me

mo tlalelong.

12Mo bopelonoming jwa gago

jwa lorato o bo o kgaole botlhe

ba ba patikang mowa wa me;

gonne ke motlhanka wa gago.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help