ISAIA 52 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Modimo o tlaa golola Jerusalema

1 Kubuga, kubuga o apare

nonofo ya gago, wena Sione;

apara diaparo tsa gago

tse dintlentle wena Jerusalema;

motse o o boitshepo;

gonne go tloga fano gompieno

ga go ketla go tlhola go tsena

mo go wena ba ba sa rupang

le ba ba itshekologileng.

2Itlhotlhore lorole;

nanoga, o dule fa fatshe

wena Jerusalema;

o ikhunolole mo dikgoleng

tsa thamo ya gago,

wena motshwarwa,

morwadia Sione.

3Gonne go bua jaana Jehofa, a re: “Lo ne lo rekisitswe ka bosengsepe, mme lo tlaa rekololwa fela go se na madi.”

4Gonne go bua jaana Morena Modimo, a re: “E rile pele batho ba me ba fologela kwa Egepeto, ba ya go jaka gone. Moasiria le ene a ba patika ba se na molato.

5 Jaana, ka re: Ereka batho ba me ba tlosediwa bosengsepe fela, ke a bo ke dirang fano?” Go bua Jehofa: “Ba ba ba laolang ba a bopa, le leina la me le tlhola le ntse le tlhapadiwa ka letsatsi lotlhe fela.

6Ke gone ka mo batho ba me ba tlaa itseng leina la me; ke gone ba tlaa itseng mo letsatsing leo go re, ke Nna yo ke buang; bonang, ke Nna.”

7 Di dintle jang mo dithabeng

dinao tsa gagwe

yo o tlisang mafoko a a molemo,

yo o utlwatsang kagiso,

yo o tlisang mafoko a mantle

a a molemo,

yo o utlwatsang poloko;

yo o rayang Sione, a re:

“Modimo wa gago o a busa!”

8A lentswe la balebedi ba gago!

Ba tsholetsa lentswe,

ba opela mmogo;

gonne ba tlaa bona ba lebanye

mo matlhong, mogang

Jehofa o boelang mo Sione.

9Ponyegang ka boitumelo,

lo opele mmogo

lona mafelo a a kgakgabetseng

a Jerusalema;

gonne Jehofa o gomoditse

batho ba gagwe,

o rekolotse Jerusalema.

10Jehofa o apotse letsogo la gagwe

le le boitshepo

mo matlhong a merafe yotlhe;

mme dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe

di tlaa bona poloka

ya Modimo wa rona.

11 Tsamayang, tsamayang,

lo tswe gone,

lo se ka lwa ama sepe

se se itshekologileng;

tlogang, lo tswe mo gare ga gone;

lo nne bantle, lona ba lo rweleng

dijana tsa ga Jehofa.

12Gonne ga lo ketla lo tswa

ka potlako, le gone

ga lo ketla lo tsamaya

ka go tshaba;

gonne Jehofa o tlaa lo etelela pele;

Modimo wa Iseraele

o tlaa nna tshimega ya lona.

Motlhanka yo o bogang

13Bonang, motlhanka wa me

o tlaa dira ka botlhale,

o tlaa golediwa a ba a tsholediwa,

mme o tlaa nna kwa godimo thata.

14Jaaka batho ba le bantsi

ba ne ba go gakgamaletse,

(sefatlhogo sa gagwe

se ne se senyegile

bogolo go sa batho botlhe,

le setshwano sa gagwe

bogolo go sa bomorwa batho),

15 jalo o tlaa sisimosa

merafe e le mentsi;

dikgosi di tlaa mo momela

melomo ya tsone;

gonne se ba neng ba ise ba ke ba

se bolelelwe ba tlaa se bona;

le sone se ba iseng ba ke ba se utlwe

ba tlaa se tlhaloganya.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help