PESALEMA 102 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Selelo sa yo o hutsafetsengPesalema ya mopatikwe, mogang o phikangwang ke bohutsana, mme a gorometsa boitoko jwa gagwe fa pele ga Jehofa.

1A ko o utlwe morapelo

wa me, Jehofa,

mme a go goa ga me

go ke go fitlhe koo go wena.

2O se ka wa mphitlhela

sefatlhogo sa gago

mo letsatsing la pitlagano ya me;

o ntshekegele tsebe;

e re mo letsatsing le ke bitsang

ka lone o nkarabe ka bonako.

3Gonne malatsi a me

a nyelela jaaka mosi;

marapo a me le one

a a ša jaaka serumola.

4Pelo ya me

e tapetegile jaaka bojang,

e swabile;

gonne ke lebala go ja sejo sa me.

5Ka ntlha ya lentswe la go duma

ga me, marapo a me

a ngaparetse nama ya me.

6Ke ntse jaaka khukara ya naga;

ke fetogile

jaaka morubisi wa marotobolo fela.

7Ke ntse ke lebeletse,

mme ke fetogile jaaka thaga

e e ntseng e le nosi

mo setlhoeng sa ntlo.

8Baba ba me ba tlhola ba nkgoba

ka letsatsi lotlhe;

ba ba itirang ditsenwa ka ga me

ba hutsakanya ka nna.

9Gonne ke jele melora jaaka sejo,

ka tlhakanya se ke se nwang

le dikeledi.

10Ke ka ntlha ya kgakatsego ya gago,

le kgalefo ya gago;

gonne o ntsholeditse

wa ntatlhela koo.

11Malatsi a me a tshwana le moriti

o o yang go fela;

mme ke swabile jaaka bojang.

12Mme wena, Jehofa,

o tlaa nnela ruri ka bosakhutleng;

le segopodiso sa gago

go ya ditshikatshikeng tsotlhe fela.

13O tlaa nanoga

o utlwela Sione botlhoko;

gonne ke lobaka

lwa go mo tlhomogela pelo;

ee, lobaka lo lo laotsweng

lo fitlhile.

14Gonne batlhanka ba gago

ba na le kgatlhego

mo majeng a gone,

ba tlhomogela lorole lwa gone pelo.

15Jalo merafe e tlaa boifa

leina la ga Jehofa,

le dikgosi tsotlhe tsa lefatshe,

di tlaa boifa kgalalelo ya gago;

16gonne Jehofa o tsosolositse Sione

go o aga;

o bonetse mo kgalalelong ya gagwe.

17O tlhokometse morapelo

wa ba ba hotlhegileng

ba se na sepe,

ga a ka a nyatsa morapelo wa bone.

18Moo, go tlaa kwalelwa

losika lo lo tlang;

mme tšhaba e e tlaa tlholwang

e tlaa baka Jehofa.

19Gonne o okometse

a le kwa bogodimong

jwa felo ga gagwe ga boitshepo;

Jehofa o ne a lebile lefatshe

a le kwa legodimong;

20go utlwa go fegelwa ga mogolegwi;

go hunolola ba ba laoletsweng loso;

21gore batho ba tle ba bolele

leina la ga Jehofa mo Sione,

le pako ya gagwe mo Jerusalema;

22mogang ditšhaba di phuthegileng

di le mmogo, le magosi,

go direla Jehofa.

23O ne a koafatsa thata ya me

mo tseleng;

a khutsafatsa malatsi a me.

24Ke ne ka re: “Modimo wa me we!

O se ka wa ntlosa

ke le fa gare ga malatsi a me;

aitse dinyaga tsa gago tsone,

di ya le ditshikatshika tsotlhe fela.

25 O sa le o thaya motheo

wa lefatshe bogologolo;

le magodimo

ke tiro ya diatla tsa gago.

26Tsone di tlaa nyelela,

mme wena o tlaa nna fela;

ee, tseo tsotlhe

di tlaa onala jaaka seaparo;

o tlaa di fetola jaaka morepo;

mme di tlaa fetoga;

27mme wena,

o ntse o ntse jaaka o ntse fela;

dinyaga tsa gago

ga di ketla di dira le bokhutlo.

28Bana ba batlhanka ba gago

ba tlaa nna fela,

le losika lwa bone

lo tlaa tlhomamisiwa

fa pele ga gago.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help