RUTHE 2 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Ruthe o dira mo tshimong ya ga Boase

1Naomi o ne a na le tsala ya losika lwa monna wa gagwe, a le senatla se se humileng, wa losika lwa ga Elimeleke; leina la gagwe go twe Boase.

2 Ruthe wa Momoabe a raya Naomi a re: “Mma ke ye kwa masimo, ke ye go ronopa mo gare ga diako tsa mabele ke setse mongwe morago yo ke tlaa bonang botsalano mo matlhong a gagwe.” Mme a mo raya a re: “Ya morwadiaka.”

3A ya, mme a fitlha a ronopa mo masimong, a setse basegi morago; mme a tshogana ka a wela ntlheng ya maota mo e leng ga Boase, yo e neng e le wa losika lwa ga Elimeleke.

4Mme bonang, Boase a tswa Bethelehema, a fitlha a raya basegi ba mabele a re: “A Jehofa a nne le lona,” bone ba mo fetola ba re: “A Jehofa a go segofatse.”

5Foo Boase a raya motlhanka wa gagwe yo o beilweng mogolo wa basegi ba mabele a re: “Morweetsana yo ke wa ga mang?”

6Motlhanka yo o beilweng mogolo wa basegi ba mabele a mo fetola a re: “Ke morweetsana wa Momoabe yo o boileng le Naomi kwa lefatsheng la Moabe.

7O ne a nthaya a re: ‘A ko lo mme ke ronope ke setse basegi morago mo gare ga dingata;’ mme a tla. O sa le a dira ka moso le jaana, fa e se gore, o kile a nna ka lobakanyana mo ntlong.”

8Foo Boase a raya Ruthe a re: “A ga o a utlwa, morwadiaka? O se ka wa ya go ronopa mo tshimong epe e sele, o se ka wa tswa fano fa; o tlhomame gone fa, le barweetsana ba gaetsho.

9A matlho a gago a nne mo tshimong e ba e segang, mme o ba sale morago; a ga ke a laela makau gore ba se ka ba go ama? Fa o le lenyora, o ye dinkgwaneng, o nwe se makau a se gileng.”

10Foo a wela fa fatshe ka sefatlhogo, a ikobela fa fatshe, a mo raya a re: “Ana ke bonye botsalano mo matlhong a gago ka ntlha yang, fa e bo ne ne o ntlhokometse jaana ke le moeng?”

11Boase a mo fetola, a mo raya a re: “Ke boleletswe ka botlalo gotlhe mo o go diretseng matsalaago, monna wa gago a sena go swa; le jaaka o tlogetse rraago le mmaago, le lefatshe la gaeno, mme o tsile mo bathong ba o sa ba itseng gale.

12A Jehofa a leboge tiro ya gago, o bo o newe tuelo e e tletseng ke Jehofa Modimo wa Iseraele, yo tsileng botshabelong tlase ga diphuka tsa gagwe.”

13Foo Ruthe a re: “A nke ke bone botsalano mo matlhong a gago, morna wa me gonne o nkgomoditse, le gonne o buile ka pelonomi le lelata la gago, le fa ke sa nna jaaka lengwe la malata a gago.”

14E rile go jewa, Boase a mo raya a re: “Tla kwano, o je dijo, o ine thathana ya gago mo botšarareng.” Mme a dula fa baseging; a mo fa mabele a a gadikilweng; a ja, a kgora, a ba a sadisa.

15E rile a tlogile a ile go ronopa, Boase a laola makau a gagwe a re: “A a ronope fela mo teng ga dingata, mme lo se ka lwa mo omanya.

16Le gone lo mo somolele mangwe mo dingateng lo a tlogele, a a ronope fela, lo se ka lwa mo omanya.”

17Jalo a ronopa mo tshimong go ya maitseboeng, a photha mo o ne a go ronopile, ya nna e ka ne e ne e le emere ya barele.

18A a tsaya, a ya motseng; mme matsalaagwe a bona mo o ne a go ronopile; a ba a ntsha a mo naya mo o ne a go beile a sena go kgora.

19Matsalaagwe a mo raya a re: “O tlhotse o ronopa kae? O tlhotse o dira kae? A go segofale monna yo o go tlhokometseng.” A bolelela matsalaagwe yo o tlhotseng a dira nae, a ba a re: “Leina la monna yo ke tlhotseng ke dira nae ke Boase.”

20 Naomi a raya ngwetsi ya gagwe a re: “A a segofadiwe ke Jehofa, yo o se kang a khutlisetsa batshedi le baswi bopelonomi jwa gagwe.” Naomi a mo raya a re: “Monna yo ke wa losika lwa rona yo o gaufi le rona, ke mongwe wa ba ba gaufi le rona ka go tsalwa.”

21Ruthe wa Momoabe a re: “Ruri, o ntheile a re: ‘Tlhomama mo makaung a gaetsho, go tle go tsamaye ba wetse thobo ya me yotlhe fela.’ ”

22Naomi a raya Ruthe ngwetsi wa gagwe a re: “Go molemo morwadiaka, fa o ka tswa le barweetsana ba gagwe, gonne kwa tshimong ya motho o sele o ka tla wa tshwenyega.”

23Jalo a tlhomama mo barweetsaneng ba ga Boase go ronopa, go ya bokhutlong jwa thobo ya barele, le jwa thobo ya mabele; mme a aga le matsalaagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help