JOBE 13 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jobe

1“Bona, leitlho la me le bonye

gotlhe fela mo,

tsebe ya me e go utlwile,

e go tlhalogantse.

2Se lo se itseng,

ke sone se le nna ke se itseng;

ga ke kwa tlase ga lona.

3Ruri ke rata ka bua

le Mothatayotlhe,

ke eletsa go ganetsanya le Modimo.

4Lona lo balogi ba maaka lotlhe fela,

lo dingaka tse di se nang tiro.

5Lo a bo lo ka ka lwa didimala!

Mme e ne e tlaa bo e le botlhale

mo go lona.

6Utlwang jaana kganetsanyo ya me,

lo reetse kganelelo

tsa dipounama tsa me.

7A lo tlaa buelela Modimo

ka fa go sa siamang,

a lo tlaa buelela one ka tsietso?

8A lo tlaa tlhokomela bomangmang

jwa one?

A lo tlaa ganelela Modimo?

9A go ka nna molemo fa o lo keleka?

Kgotsa jaaka motho

a tle a tsietse motho,

a lona lo tlaa tsietsa one jalo?

10Ruri o ka tla wa lo omanya,

fa lo tlhokomela bomangmang

jwa batho ka bosaitsiweng.

11A tlotlomalo ya one

ga e ketla e lo boifisa,

le poitsho ya one

ga e ketla e lo wela?

12Dipolelo tsa lona tse di itsegeng

ke diane tsa melora;

dikago tsa phemelo tsa lona

ke diphemelo tsa seretse fela.

13“Didimalang, lo nte ke bue,

go ntlele se se ntlelang fela.

14Nkoo ke tseelang nama ya me

ka meno,

ka itsenya botshelo jwa me

mo seatleng sa me go reng?

15Le fa o mpolaya,

ke tlaa nna ke o lebelela fela;

le fa go ntse jalo

ke tlaa gantshetsa ditsela tsa me

fa pele ga one.

16Se le sone e tlaa nna poloko ya me;

gonne motho yo o sa reng

Modimo sepe

ga a ketla a tla fa pele ga one.

17Utlwang puo ya tlhoafalo,

mme a go kakanya ga me

go nne mo tsebeng tsa lona.

18Bonang jaana,

ke rulagantse mafoko a me

a a sekwang;

ke a itse fa ke tlaa siamisiwa.

19Ene yo o tlaa ganelang le nna

e mang?

Gonne jaanong fa ke ka didimala

fela ke tlaa swa.

20Fa e se dilo di le pedi,

o se ka wa di ntirela,

foo ga nketla ke iphitlhela

sefatlhogo sa gago.

21Tlosetsa seatla sa gago

kgakala le nna;

a theregiso ya gago

e se ka ya mpoifisa.

22Foo o bitse,

mme ke tlaa go araba;

kgotsa o mme ke bue,

mme o mphetole.

23Maikepo a me le maleo a me a kae?

Nkitsise tlolo ya me

le boleo jwa me.

24O subelang sefatlhogo sa gago,

o ba o nkaya go re

ke mmaba wa gago?

25A o tlaa gabea lekakaba

le le tsubutlwang,

a o tlaa alola phufe ya soma?

26Gonne o kwala dilo

tse di galakang ka ga me,

o njesa boswa jwa maikepo

a bokau jwa me;

27 le maoto a me

o a tsenya mo disaneng,

o tlhokometse ditselana tsotlhe

tsa me;

o ithalela moralo mo tikologong

ya dipato tsa dinao tsa me.

28Le fa ke tshwana le selo

se se bodileng se se felang,

se se tshwanang le kobo

e e jelweng ke motoutwane.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help