JEREMIA 4 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Baiseraele ba lopiwa go ikwatlhaya

1“Fa o tlaa boa, wena Iseraele,”

go bua Jehofa,

“o tlaa boela mo go nna;

mme fa o ka tlosa makgapha a gago

fa pele ga me,

foo ga o ketla o tlosiwa;

2o tlaa ikana, o re:

‘Jaaka Jehofa a tshedile,’

mo boammaaruring, mo tshiamisong

le mo tshiamong;

mme merafe e tlaa itshegofatsa,

mo go ene, e tlaa ikgantsha ka ene.”

3 Gonne Jehofa o bua jaana le banna ba Juta le Jerusalema, a re: “Lemang lefatshe la lona thobu, mme lo se ka lwa jala mo mitlweng.

4Ithupisetseng Jehofa, lo tlose bokgola ja pelo tsa lona, lona banna ba Juta le banni ba Jerusalema; tšarafalo ya me e ka tla ya tswa jaaka molelo, ya tuka mo go sa kakeng ga tingwa ke ope, ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa lona.”

Juta o gomagomelwa ke go tlhaselwa

5Bolelang mo Juta,

lo itsise mo Jerusalema; lo re:

“Letsang lonaka mo lefatsheng;

opang mokgosi thata, lo re:

‘Phuthegang, a re tseneng

mo metseng e e thekeleditsweng.’

6Tlhomang mokgele

o lebe kwa Sione;

tshabang, se diegeng,

gonne ke tlaa lere bosula

bo tswa ntlheng ya botsheka,

le tshenyo e kgolo.”

7Tau e tlhatlogile

mo setswatsweng sa yone,

le mosenyi wa merafe;

o mo tseleng,

o dule mo felong ga gagwe,

go tla go swafatsa lefatshe la gago

gore metse ya gago

e tle e gokgolelwe e se na monni.

8Ka ntlha ya moo

lo itlamelele ka letsela la kgetse,

lo hutsafale, lo bokolele;

gonne bogale jo bo fisang

jwa ga Jehofa ga bo a boa

mo go rona.

9“Mme go tlaa dirala mo motlheng oo,” go bua Jehofa, “go re pelo ya kgosi e tlaa rema, le pelo ya dikgosana; le baperesiti ba tlaa ja kgakge, le baperofeti ba tlaa gakgamala.”

10Foo ka re: “Ao, Jehofa Modimo! Ruri o a bo o tsieditse tšhaba e thata, le Jerusalema, wa re: ‘Lo tlaa bona kagiso’; etswa tšhaka e tsenetse mo moweng.”

11E tlaa re mo motlheng oo go tlaa rewa tšhaba e, le ba Jerusalema, go twe: “Phefo e e molelo e e tswang kwa dithoteng tse di loforotlho kwa bogareng ga naga e tlaa e lebile morwadia batho ba me, e seng go olosa le fa e le go ntlafatsa;

12phefo e e thata e e tswang kwa go tseo e tlaa tla ka ga me; jaanong le gone ke tlaa bua ditshekiso ka ga bone.”

Juta o dikanyeditswe ke baba

13Bonang o tlaa nyeloga jaaka maru, dikara tsa gagwe di tlaa nna jaaka setsuatsue; dipitse tsa gagwe di fefoga bogolo go bontswi, Ija! A bo re latlhegile, gonne re thopilwe!

14Jerusalema, tlhapisa pelo ya gago boikepo, gore o tle o bolokwe. Ana megopolo ya gago e e bosula e tla tlhola nao ka lobaka lo lo kaye?

15Gonne lentswe lengwe le bolela kwa ntlheng ya Dane, le kakanya bosula ntlheng ya makhujana a Eferaime.

16Lomang merafe tsebe; bonang, kakanyang ka ga Jerusalema, lo re: “Ditlhola di tswa lefatsheng le le kgakala, di opela metse ya Juta mokgosi.

17Jaaka baleti ba tshimo ba o dikile; ka a ne a ntse a ntsuololela;” go bua Jehofa.

18“Mokgwa wa gago le ditiro tsa gago di go lereditse dilo tse; jo ke jone boikepo jwa gago; gonne bo bogalaka, ka go bo bo tsenela mo pelong ya gago.”

Jeremia o lelela batho ba gagwe

19Mala a me we, mala a me we!

Ke botlhoko le mo pelong ya me

tota; pelo ya me

e tlhobaela mo teng ga me;

ke retelelwa ke go didimala;

gonne wena mowa wa me,

o utlwile modumo wa lonaka,

le tshoso mokgosi wa dira.

20Go kuiwa tshenyego

mo tshenyegong;

gonne lefatshe lotlhe le thopilwe;

megope ya me e thopilwe

ka tshoganetso,

matsela a dilepelelo a me

ka ponyo ya leitlho.

21Ke tlaa bona mokgele

ka lobaka lo lo kaye,

ke ba ke utlwa modumo

wa lonaka?

22“Gonne batho ba me ba boeleele,

ga ba nkitse;

ke bana ba sekamatagwa,

ga ba na tlhaloganyo epe;

ba botlhale go dira bosula,

mme ga ba na kitso

ya go dira molemo.”

Ponatshegelo ya ga Jeremia e e supang go senngwa ga lefatshe

23Ka leba lefatshe, mme bonang,

la bo le tobekanye fela

le sa itsege sepe; le magodimo,

mme a ne a se na lesedi.

24Ka leba dithaba, mme bonang,

tsa bo di roroma,

le makhubu otlhe

a golorela kwa le kwa.

25Ka leba, mme bonang,

ga bo go se na motho,

le dinonyane tsotlhe tsa loapi

di ne di tshabile.

26Ka leba, mme bonang,

leota le le emang loungo

le ne le le naga fela,

mme metse yotlhe ya teng

e ne e rutlologile

ka sebonalo sa ga Jehofa,

le fa pele ga bogale

jwa gagwe jo bo tukang.

27Gonne go bua jaana Jehofa, a re:

“Lefatshe lotlhe le tlaa nna

tshwafalo; le fa go ntse jalo

ga nketla ke nyeleletsa ruri.

28Lefatshe le tlaa hutsafalela moo,

le magodimo kwa godimo

a tlaa nna mantsho;

ka go bo ke se buile, ke se ikaeletse,

mme ga ke a ikwatlhaya, le gone

ga nketla ke boa mo go sone.”

29Motse otlhe o tshaba

ka modumo wa bapalama dipitse,

le wa bahudi ka bora;

ba tsena mo ditswatsweng,

ba palamela mo mafikeng;

motse mongwe le mongwe

o tlogetswe fela,

mme ga go na motho

yo o nnang mo go one.

30Wena o tlaa re o thopilwe,

o tlaa dirang?

Le fa o ka ikapesa

ka bohibidu jo bo letlhololo,

le fa o ka ikgabisa

ka mekgabo ya gouta,

le fa o ka itshasa matlho

go a dira makalaba,

wa bo o itirela bontle lefela fela;

dinyatsi tsa gago di a go nyatsa,

di senka botshelo jwa gago.

31Gonne ke utlwile lentswe

jaaka e kete la mosadi

a le mo pelegong,

tlalelo e e mahehe

e kete ya mongwe yo e leng gone

o bonang ngwana wa ntlha,

lentswe la morwadia Sione,

a hupetse mowa,

mme a ntsha diatla, a re:

“Jo we! Gonne mowa wa me

o idibala fa pele ga babolai.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help