PESALEMA 130 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Tsholofelo mo thekolong ya MorenaSefela sa Ditlhatlogo.

1Ke rile ke le mo matennyeng

ka goela koo go wena Jehofa.

2Morena, utlwa lentswe la me;

a ditsebe tsa gago di akele

lentswe la mekokotlelo ya me.

3Jehofa, fa o ka bo o ne wa lotolotsa

maikepo,

go ka bo go ema mang, Morena?

4Go na le boitshwarelo mo go wena,

gore o tle o boifiwe.

5Ke lebeletse Jehofa,

mowa wa me o lebeletse fela,

mme ke solofetse mo lefokong

la gagwe.

6Mowa wa me o lebeletse Morena

bogolo go fa balebedi ba lebelela

mahube a moso; ee, bogolo

go balebedi ba mahube a moso.

7Iseraele, solofela mo go Jehofa;

gonne mo go Jehofa

go na le boutlwelobotlhoko;

e bile mo go ene

go na le thekololo e e letlotlo fela.

8 O tlaa rekolola Iseraele

mo maikepong otlhe a gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help