DIPALO 11 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Lefelo la Tabera

1Batho ba ne ba ntse jaaka bangongoregi, ba bua bosula mo ditsebeng tsa ga Jehofa; e rile Jehofa a utlwa, bogale jwa gagwe jwa tuka; molelo wa ga Jehofa wa tuka gare ga bone, wa laila kwa moseong ga bothibelelo.

2Batho ba goela kwa go Moše; Moše a rapela Jehofa, mme molelo wa kokobela.

3Leina la felo foo la bidiwa ga twe, Tabera, gonne molelo wa ga Jehofa o ne wa tuka mo go bone.

Moše o tlhopha baeteledipele ba le masome a a supang

4Bontsi jwa batho jo bo tlhakatlhakanyeng jo bo mo go bone, jwa ineela mo dikeletsong; mme bana ba Iseraele ba lela gape, ba re: “E mang yo o tlaa re nayang nama ra e ja?

5Re gakologelwa ditlhapi tse re neng re di ja fela mo Egepeto e seng ka sepe; makatane, magapu, boleke, booie, le gareleke.

6Gompieno mowa wa rona o omeletse fela; ga go na sepe; ga re na sepe se re se solofetseng, fa e se selo se go tweng mana fela.”

7 Mana a bo a tshwana le peo e tshwaanyana mo matlhong a tshwana le boroku.

8Batho ba ne ba tle ba tsamaetsamae ba a bapale ba a sile mo ditshilong, kgotsa ba a thuge mo dikikeng, ba a apeye ka dipitsa, ba dire dipapetlana tsa senkgwe ka one; moutlwalo wa one o ne o tshwana le wa lookwane lo loša.

9 E ne e re monyo o wela mo bothibelelong bosigo, mana a wele nao.

10Moše a utlwa jaaka ba lela mo malwapeng otlhe a bone, motho mongwe le mongwe fa mojakong wa mogope wa gagwe; mme bogale jwa ga Jehofa jwa tuka thata, le Moše ga mo hutsafatsa.

11Moše a raya Jehofa a re: “Ana o diretse motlhanka wa gago bosula ka ntlha yang? Ke ka ntlha yang fa ke sa bone letlhogonolo mo ponong ya gago fa e bo ne ne o beile morwalo wa tšhaba yotlhe e mo go nna jaana?

12A ke nna mma tšhaba yotlhe e? A ke nna ke ba belegeng, fa e bo ne ne o nthaya o re ke ba tseye mo sehubeng sa me, jaaka mmelegi a tle a belege ngwana yo o anyang, ke ba ise kwa lefatsheng le o le ikanetseng borra ba bone?

13Ke tlaa tsaya kae nama e ke ka e nayang batho botlhe ba, gonne ba lelela mo go nna ba re: ‘Ke ba neye nama gore ba e je.’

14Ga ke a nonofa go rwala batho botlhe ba ke le nosi, gonne ke bokete jo bo nkimelang.

15Fa o ntirela jaana ke a go rapela, o mpolaye fela jaanong jaana, fa ke bonye letlhogonolo mo matlhong a gago; a ke se ipone bobenyana jwa me.”

16Jehofa a raya Moše a re: “Mphuthela banna ba ba 70 ba bagolwane ba Iseraele, ba o ba itseng fa e le bagolwane ba batho, ba le balaodi ba bone; o ba lere kwa mojakong wa mogope wa bophuthegelo, gore ba eme gone nao.

17Ke tlaa fologa ke bua nao gone, mme ke tlaa tsaya ga mowa o o mo go wena ke o baya mo go bone; ba tlaa rwala morwalo wa batho ba nao, gore o se o rwale o le wesi.

18O reye batho o re: E tlaa re ka moso lo bo lo iitshepisitse, mme lo tlaa ja nama; gonne lo ledile mo ditsebeng tsa ga Jehofa lwa re: ‘E mang yo o tlaa re nayang nama ra e ja. Gonne go ne go le molemo mo go rona mo Egepeto.’ Ke gone ka mo Jehofa o tlaa lo nayang nama, mme lo tlaa ja.

19Ga lo ketla loo ja ka letsatsi le le lengwe fela, kgotsa le mabedi, kgotsa a le matlhano, kgotsa a le somne, kgotsa a le 20.

20Lo tlaa ja ka kgwedi e e tletseng go tsamaya e tswa ka dinko tsa lona e ba e nkga sebodu mo go lona, gonne lo ganne Jehofa yo o mo go lona, lo ledile fa pele ga gagwe lwa re: ‘Re ne re tswelang kwa Egepeto?’ ”

21Mme Moše a re: “Batho ba ke mo go bone ba 600 000 ba ba tsamayang ka dinao, mme o rile, o tlaa ba naya nama ba e ja ka kgwedi e e tletseng.

22A ba tlaa bolaelwa matlhape le matsomane, gore go ba lekane? Kgotsa a ba tlaa phuthelwa ditlhapi tsa lewatle gore go ba lekane?”

23Jehofa a raya Moše a re: “A letsogo la ga Jehofa le a bo le khutshwafetse? Jaana o tlaa bona bo lefoko la me le tlaa go dirafalela, kgotsa nnyaa.”

24Moše a tswa, a bolelela batho mafoko a ga Jehofa; a phutha banna ba le 70 ba bagolwane ba Iseraele, mme a ba baya mo tikologong ya mogope.

25Jehofa a fologa a le mo lerung, a bua nae, a tsaya ga mowa o o mo go ene a o baya mo bagolwaneng ba ba 70; ga dirala e rile fela mowa o nna mo go bone, ba perofesa, mme morago ba se ka ba tlhola ba dira jalo gope.

26Ga bo go ne go setse banna ba le babedi kwa bothibelelong; leina la mongwe e le Eletate, leina la yo mongwe e le Metate; mowa wa nna mo go bone, ba bo ba le mo palong ya bone ba ba kwadilweng, mme ba se ka ba tswela kwa mogopeng; ba perofesa ba le kwa bothibelelong.

27Ga siana motho wa lekau, a bolelela Moše a re: “Eletate le Metate ba perofesa kwa bothibelelong.”

28Jošua morwa Nune, modiredi wa ga Moše, mongwe wa banna ba gagwe ba ba itshenketsweng, a bua a re: “Moše morena wa me, a ba idiwe.”

29Moše a mo raya a re: “A o lefufa ka ntlha ya me? Modimo o ka ka wa mma batho botlhe ba ga Jehofa ba perofese, le gore Jehofa a beye mowa wa gagwe mo go bone.”

30Moše a tloga a ya kwa bothibelelong, ene le bagolwane ba Iseraele.

Morena o romelela Baiseraele makutikweo

31Ga tswa phefo kwa go Jehofa, ya tlisa makutikweo kwa lewatleng, ya a digela fa bothibelelong e ka ne e le mosepele wa letsatsi le le lengwe fela ntlheng nngwe, le mosepele wa letsatsi le le lengwe fela ntlheng e nngwe, mo tikologong ya bothibelelo, a tlhatlagana fa fatshe boteng bo le kana ka boleele jwa mabogo a le mabedi.

32Batho ba ema ka letsatsi leo lotlhe, le bosigo jotlhe, le ka letsatsi lotlhe la ka moso, ba kokoanya makutikweo; yo o na a kokoanya bobotlana, a kokoanya diemere di le some; mme ba a ikanegela mo tikologong ya bothibelelo.

33E rile nama e sa ntse e le gare ga meno a bone, e ise e tlhafunwe, bogale jwa ga Jehofa jwa bo bo tuketse morafe, mme Jehofa a betsa batho ka sebetso se se bogale thata.

34Leina la felo foo la bidiwa ga twe, Kiberothe-taafa, gonne ba ne ba fitlha gone batho ba ba ineetseng mo dikeletsong.

35Go tswa mo Kiberothe-taafa batho ba hudugela kwa Haserothe; mme ba nna mo Haserothe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help