ISAIA 12 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sefela sa malebogo

1E tlaa re mo letsatsing leo o tlaa re:

“Ke tlaa go ntshetsa malebogo

Morena;

gonne le fa o kile wa nna bogale

le nna,

bogale jwa gago bo boile,

mme o ntse wa nkgomotsa.

2 “Bonang, Modimo ke poloka ya me,

ke tlaa ikanya fela,

ga nketla ke boifa; gonne

Jehofa Modimo ke thata ya me,

le sefela sa me,

mme o diregile poloka ya me.”

3Ke gone ka moo lo tlaa gang metsi

ka boitumelo mo didibeng

tsa poloka.

4Mme lo tlaa bua mo letsatsing leo,

lo re: “Ntshetsang Jehofa malebogo,

bitsang leina la gagwe,

kakanyang ditirotiro tsa gagwe

mo ditšhabeng, umakang, go re,

leina la gagwe le goletsegile.

5Opelelang Jehofa;

gonne o dirile dilo tse di gaisang;

mo, a go itsiwe mo lefatsheng lotlhe.

6Kuela godimo,

o goe, wena monni wa Sione;

gonne go mogolo moitshepi wa

Iseraele mo gare ga gago.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help