1Bonang, Jehofa o dira lefatshe gore le nne lolea fela, o a le swafatsa, o a le ribegetsa, mme o falatsa banni ba lone.
2E tlaa nna go re jaaka go ntse le batho go nne jalo le moperesiti; jaaka go ntse le motlhanka, go nne jalo le mong wa gagwe; jaaka go ntse le lelata, go nne jalo le mohumagadi wa lone; jaaka go ntse le moreki, go nne jalo le morekisi; jaaka go ntse le moadingwi, go nne jalo le moadimi; jaaka go ntse le motsaya koketso ya madi, go nne jalo le montsha koketso.
3Lefatshe le tlaa leafalela ruri, le tlaa thopelelwa ruri; gonne Jehofa o buile lefoko le.
4Lefatshe le a hutsafala le a ngoselela; lefatshe le a topetega le a ngoselela; batho ba ba ipegileng ba lefatshe ba a topetega.
5Lefatshe le bile le tsenye leswe tlase ga banni ba lone; ka ba tlodile melao, ba fetotse ditao, ba robile kgolagano ya bosakhutleng.
6Ke gone ka moo phutso e supuditseng lefatshe, le ba ba agileng mo go yone ba bonywe molato; ke gone ka moo banni ba lefatshe ba fisitsweng, mme ba setse ba le banye.
7Bojalwa jo boša jwa mofine bo a hutsafala, mofine o a swaba, botlhe ba ba pelo di tamutamu ba a fegelwa.
8Letleputlepu la meropana le a khutla, modumo wa ba ba ipelang o a fela, boitumelo jwa harepe bo a khutla.
9Ga ba ketla ba nwa bojalwa jwa mofine ka kopelo; senoo se se bogale se tlaa nna bokgengwe mo go ba ba se nwang.
10Motse o o mapetepete o thubagantswe; ntlo nngawe le nngwe e paketswe, gore motho ope a se ka a tsena.
11Go selelo mo mebileng ka ntlha ya bojalwa jwa mofine; boitumelo jotlhe bo fifetse, letleputlepu la lefatshe le ile.
12Mo motseng go setse tshwafalo fela; kgoro e itaakilwe ka tshenyo.
13Gonne go tlaa nna jalo mo gare ga lefatshe mo ditšhabeng, jaaka go udubadiwa ga motlhware, jaaka mabudutso a mafine fa phulo e sweditswe.
14Bao ba tlaa tsholetsa lentswe la bone, ba tlaa goa; ba tlaa goa ka thata, ba goela borena jwa ga Jehofa ba le kwa lewatleng.
15Ke gone ka moo, lo galaletseng Jehofa ntlheng ya botlhabatsatsi, e bong leina la ga Jehofa Modimo wa Iseraele, mo ditlhakeng tsa lewatle.
16Re utlwile dikopelo di tswa bokhutlong jwa lefatshe, tsa re: “Kgalalelo e nne go basiami.” Mme nna ke rile: “Ke jega pelo, ke jega pelo, ija nna we! Baoki ba dira ka mooko; ee, baoki ba dirile ka mooko o mogolo.”
17Poifo e mo go wena, le gopo, le mutlwane, wena monni wa lefatshe.
18Go tlaa dirala go re, yo o tlaa tshabang mosito wa poifo o tlaa wela mo gopong; mme yo o tlhatlogang mo teng ga gopo o tlaa tshwarwa ke mutlwane; gonne dithoba tsa legodimo di bulegile, le metheo ya lefatshe e a reketla.
19Lefatshe le thubagantswe ruri, lefatshe le tlhapologile mo gogolo, lefatshe le tshikinyegile mo go feteletseng.
20Lefatshe le tlaa theekela jaaka motho yo o tagilweng, mme le tlaa ibilega jaaka mogope; tlolo ya lone e tlaa nna boima mo go lone, mme le tlaa wa, le se ke le ba le tsoga.
21Go tlaa dirala mo letsatsing leo go re, Jehofa o tlaa betsa lesomo la ba ba ipegileng kwa godimo, le dikgosi tsa lefatshe mo lefatsheng.
22Ba tlaa phuthelwa mmogo jaaka bagolegwi ba tle ba phuthelwe mo moleteng wa kgolegelo; ba tlaa tswalelwa mo ntlong ya kgolegelo, morago ga malatsi a le mantsi ba tlaa bediwa.
23Foo kgwedi e tlaa sosobaganngwa, le letsatsi le tlaa tlhajwa ke ditlhong; gonne Jehofa wa masomosomo o tlaa busa mo thabeng ya Sione le mo Jerusalema, le fa pele ga bagolwane ba gagwe ka kgalalelo.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.