AMOSE 3 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Utlwang lefoko le Jehofa o lo nyaditseng ka lone, lona bana ba Iseraele; ke nyatsa losika lotlhe lo ke lo ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto, ka re:

2“Ke itsile lona fela lo le losi mo ditshikeng tsotlhe tsa lefatshe; ke gone ka moo ke tlaa lo kgopololela maikepo otlhe a lona.”

Tiro ya Moperofeti

3A batho ba le babedi ba ka tsamaya

mmogo,

fa ba se ka ba dumalana?

4A tau e tle e dume mo sekgweng

fa e se na sepe se e se bolayang?

A ledumedi le tle le dumadume

le le mo mongobong wa lone

fa le sa bolaya sepe?

5A nonyane e ka wela fa fatshe

mo serung,

fa seru se sa raelwang gone?

A mutlwane o ka tsipoga fela

mo mmung,

o sa tshwara sepesepe?

6A lonaka lo ka lediwa

mo motseng,

batho ba se ke ba boife?

A bosula bo tlaa wela motse,

Jehofa a sa bo dira?

7Ruri Morena Modimo

o tlaa bo a sa dire sepe,

fa e se ka go senolela batlhanka

ba gagwe

baperofeti leoma la gagwe.

8Tau e dumile,

e be e le mang yo o se ketlang

a boifa?

Morena Modimo o buile,

e be e le mang

yo o ka nnang fela a sa perofese?

Phelelo ya Iseraele

9Utlwatsang mo matlong a dikgosi kwa Ašetota, le mo matlong a dikgosi mo lefatsheng la Egepeto; lo re: “Phuthegelang mo dithabeng tsa Samaria, lo bone dipheretlho tse dikgolo tsa teng, le dipatiko tse di mo gare ga teng.”

10“Gonne ga ba itse go dira tshiamo,” go bua Jehofa: “e bong ba ba bolokang tsa thubakanyo le bogodu mo matlong a bone a dikgosi.”

11Ke gone ka moo Morena Modimo o bua jaana, a re: “Go tlaa nna moganetsi, e bong mo tikologong ya lefatshe; mme o tlaa folosa thata ya gago mo go wena, matlo a gago a dikgosi a tlaa thopiwa.”

12Jehofa o bua jaana, a re: “Jaaka modisa a tla a swabole dirope di le pedi kgotsa ntlhanngwe ya tsebe mo ganong la tau; bana ba Iseraele ba tlaa swabolwa jalo; e bong ba ba dutseng mo Samaria mo boikaegelong jwa sekanamelo, le mo mesamong ya sei ya bolao.

13Utlwang, mme lo supe lo nyatse ba ntlo ya ga Jakobe;” go bua Morena Modimo, Modimo wa masomosomo.

14 “Gonne e tlaa re mo motlheng o ke kgophololelang Iseraele ditlolo tsa gagwe ka one, le gone ke tlaa kgopholola dibeso tsa Bethele, mme dinaka tsa sebeso di tlaa kgaolwa, di wela fa fatshe.

15Ke tlaa itaya ntlo ya mariga le ntlo ya selemo mmogo; le matlo a dinaka tsa ditlou a tlaa nyelela, le matlo a magolo a tlaa nna le bokhutlo.” Go bua Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help