LEFITIKO 16 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Letsatsi la tetlanyo

1Jehofa a bua le Moše morago ga loso lwa bomorwa Arone ba babedi, jale ka ba atamela fa pele ga Jehofa, mme ba swa.

2 Jehofa a raya Moše a re: “Bua le Arone mogoloo, gore a se ka a tla ka metlha yotlhe mo felong ga boitshepo ka fa teng ga sesiro, fa pele ga senno sa boutlwelobotlhoko, se se mo godimo ga letlole, gore a se ka a swa; gonne ke tlaa bonala mo lerung mo godimo ga senno sa boutlwelobotlhoko.

3 Arone o tlaa tsena mo felong ga boitshepo ka sone se; e bong ka kgongwana ya tshupelelo ya boleo, le ka phelefu ya tshupelo e e fisiwang.

4“A a apare hempe e e itshepileng ya leloba, le ditswalo tse di diputlela tsa leloba a di nne mo nameng ya gagwe, a tlangwe ka moitlamo wa leloba, a rwesiwe tlhoro ya leloba. Tse, ke tsone diaparo tse di itshepileng; a a tlhape mo mmeleng ka metsi, a itse go di apara.

5“A a tseye mo phuthegong ya bana ba Iseraele dipodi tse ditonanyana di le pedi, e le tsa tshupelelo ya boleo, le phelefu e le nngwe fela ya tshupelo e e fisiwang.

6A Arone a ise kgomo ya tshupelelo ya boleo e e leng ya gagwe tota, a itirele tetlanyo, le ba ntlo ya gagwe.

7A a tseye dipodi tse pedi, a di beye fa pele ga Jehofa fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo.

8A Arone a thelele dipodi tse pedi bola, bongwe a bo laolele Jehofa, jo bongwe a bo laolele Asasele.

9Podi e bola bo e laolelang Jehofa, Arone a e ise e le tshupelelo ya boleo.

10Podi e bola bo e laolelang Asasele a e beye fa pele ga Jehofa e tshedile, go mo direla tetlanyo le go e tsamaisetsa Asasele kwa nageng.

11“A Arone a ise kgomo e e leng ya gagwe, ya tshupelelo ya boleo, a itirele le ba ntlo ya gagwe tetlanyo, mme a tlhabe kgomo ya tshupelelo ya boleo e e leng ya gagwe.

12A a tseye leiswana le tletse magala a molelo a a tswang mo sebesong fa pele fa Jehofa, le magofi a gagwe a tletse maswalo a a nkgang monate a thugilwe bosesane, mme a go ise ka fa teng ga sesiro.

13A a beye maswalo mo molelong fa pele ga Jehofa, gore mosi wa maswalo o khurumetse senno sa boutlwelobotlhoko, se se mo godimo ga tshupo, gore a se ka a swa.

14A a tseye ga madi a kgomo a a kgatshe ka monwana mo sennong sa boutlwelobotlhoko ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi; mme fa pele ga senno sa boutlwelobotlhoko a kgatshe madi ka monwana gasupa.

15 “Foo a a tlhabe podi ya tshupelelo ya boleo, e e leng ya batho, a ise madi a yone ka fa teng ga sesiro, a dire ka madi a yone jaaka a dirile ka madi a kgomo, a a kgatshe mo sennong sa boutlwelobotlhoko, le fa pele ga senno sa boutlwelobotlhoko.

16A a direle felo ga boitshepo tetlanyo ka ntlha ya maitshekologo a bana ba Iseraele, le ka ntlha ya ditlolo tsa bone, e bong dibe tsotlhe tsa bone; le mogope wa bophuthegelo o tlaa o direla fela jalo, e bong o o agileng nabo mo gare ga maitshekologo a bone.

17A go se nne motho ope mo mogopeng wa bophuthegelo fa a tsena a ya go direla felo ga boitshepo tetlanyo, go tsamaya a tswa, a bile a itiretse tetlanyo, le ba ntlo ya gagwe, le phuthego yotlhe ya Iseraele a ba diretse tetlanyo.

18O tlaa tswa a ya kwa sebesong se se fa pele ga Jehofa, a se direle tetlanyo; a tseye ga madi a kgomo le madi a podi, a a beye mo dinakeng tsa sebeso mo tikologong ya sone.

19A a kgatshe madi mo go sone ka monwana gasupa, a se itshekise, a se itshepise mo maitshekologong a bana ba Iseraele.

Serwala-dibe tsa batho

20“Fa a sena go wetsa go direla felo ga boitshepo, le mogope wa bophuthegelo, le sebeso tetlanyo, a a supe podi e e tshedileng;

21Arone a beye diatla tsa gagwe tsoo pedi mo tlhogong ya podi e e tshedileng, a bolele mo godimo ga yone ditshiamololo tsotlhe tsa bana ba Iseraele, le ditlolo tsotlhe tsa bone, e bong maleo otlhe a bone; a go beye gotlhe mo tlhogong ya podi, a e tsamaisetse kwa nageng ka motho yo o baakantsweng.

22Podi e tlaa rwala ditshiamololo tsotlhe tsa bone e di ise kwa lefatsheng le le sa nnweng; o tlaa lesa podi e itsamaela fela mo nageng.

23 “Arone o tlaa ya mo mogopeng wa bophuthegelo, a apole diaparo tsa leloba tse o neng a di apere fa a tsena mo felong ga boitshepo, a di tlogele gone.

24O tlaa tlhapa mo mmeleng ka metsi mo felong gongwe ga boitshepo, a apare diaparo tsa gagwe, a tswe a ise tshupelelo ya gagwe ya boleo, le tshupelo ya batho e e fisiwang, a itirele tetlanyo, le batho a ba direle tetlanyo.

25Mafura a tshupelelo ya boleo o tlaa a fisetsa mo sebesong.

26Yo o gololetseng Asasele podi, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mo mmeleng ka metsi, morago ga moo o ka tsena mo bothibelelong.

27 Kgongwana ya tshupelelo ya boleo, le podi ya tshupelelo ya boleo, tse madi a tsone a isitsweng mo teng, a ya go direla felo ga boitshepo tetlanyo, di isiwe kwa ntle ga bothibelelo; batho ba fise mo molelong matlalo a tsone, le nama ya tsone, le moswang wa tsone.

28Le yo o di fisang a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape mo mmeleng ka metsi, morago ga moo o ka tsena mo bothibelelong.

Go obamela ka letsatsi la tetlanyo

29 “O, e tlaa nna molao mo go lona ka bosakhutleng; ka kgwedi ya bosupa, ka letsatsi la lesome la kgwedi, lo tlaa ipatika mewa, lo se ka lwa dira tiro epe, le fa e le ba ba tsaletsweng mo gae, le fa e le baeng ba ba jakileng mo go lona,

30gonne ka letsatsi leo lo tlaa direlwa tetlanyo, go lo itshekisa; lo tlaa bo lo itshekile mo maleong otlhe a lona fa pele ga Jehofa.

31Ke Sabata wa boikhutso jo bo masisi mo go lona, lo tlaa ipatika mewa; ke molao wa bosakhutleng.

32Moperesiti yo o tlaa tlodiwang, le yo o tlaa tshwaiwang gore a nne moperesiti mo boemong jwa ga rraagwe, o tlaa dira tetlanyo, a apara diaparo tsa leloba, e bong diaparo tse di itshepileng.

33O tlaa direla felo ga boitshepo jo bo itshepileng tetlanyo, a direle mogope wa bophuthegelo tetlanyo, le sebeso, a direle baperesiti tetlanyo, le batho botlhe ba phuthego.

34O, e tlaa nna molao o o sa khutleng mo go lona, go direla bana ba Iseraele tetlanyo gangwe fela ka ngwaga ka ntlha ya maleo otlhe a bone.”

Mme a dira jaaka Jehofa a laotse Moše.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help