PESALEMA 81 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Tshiamo ya Modimo le ditoro tsa bonyana tsa IseraelePesalema ya ga Asafe. Ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Gititha.

1Opelelang Modimo, thata ya rona,

ka mantswe a a tsholetsegileng;

dudueletsang Modimo wa ga Jakobe

ka boitumelo.

2Tlhabeletsang pesalema,

lereng kwano moropana,

harepe e e natefang le saletare.

3 A go lediweng lonaka

mo thogong ya kgwedi,

fa kgwedi e le tshweu,

mo letsatsing la modiro wa rona

o o masisi.

4Gonne ke tao mo go Iseraele,

ke mo go laotsweng ke Modimo

wa ga Jakobe.

5O go tlhomile mo go Josefe

go nna tshupo,

jale ka a ralala lefatshe la Egepeto,

kwa ke utlwileng puo gone,

e ke neng ke sa e itse.

6“Ka tlosa lerudi la gagwe

mo morwalong; diatla tsa gagwe

tsa gololwa mo serotong.

7 E rile o le mo tlalelong wa bitsa,

mme ka go golola;

ka go araba mo felong

ga boiphitlhelo ga tumo ya maru;

ka go leka fa metsing a Meriba.

Sela.

8“A ko o utlwe, tšhaba ya me,

mme ke tlaa go supetsa;

wena Iseraele,

fa o ka bo o ne o ka ntheetsa!

9 A go se nne modimo ope wa seeng

mo go wena; le gone o se ka

wa obamela modimo ope wa seeng.

10Ke nna Jehofa, Modimo wa gago,

yo ke go tlhatlositseng

mo lefatsheng la Egepeto;

atlhamolosa legano la gago,

mme ke tlaa le tlatsa.

11“Mme batho ba me ga ba a ka ba

reetsa lentswe la me;

Iseraele ga a ka a nthaya sepe.

12Jalo ka ba lesa

ba latela kgwalalo ya pelo tsa bone,

gore ba tle ba tsamaye

mo dikgakololong tsa bone fela.

13Ao, a bo batho ba me

ba ka bo ba ntheetsa,

Iseraele le ene o kabo a tsamaya

mo ditseleng tsa me!

14Ke ne ke tlaa akofa ke fenya

baba ba bone,

ke phetsolela letsogo la me

kwa baganetsing ba bone.

15Baidi ba ga Jehofa

ba ne ba tlaa ineela mo go ene;

mme lobaka lwa bone

lo ne lo tlaa nna ka bosakhutleng.

16Le gone o ne a tlaa ba jesa mabele

a mantlentle bogolo;

ke ne ke tlaa go kgorisa ka dinotshe

tse di tswang mo lefikeng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help