HOSEA 8 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Morena o kgalemelela Iseraele go obamela medimo ya disetwa

1“Baya lonaka mo molomong wa gago. O tla jaaka ntswi yo motona, a tla go tlhasela ntlo ya ga Jehofa, gonne ba sentse kgolagano ya me, ba tlodile molao wa me.

2Ba tlaa biletsa kwa go nna, ba re: ‘Modimo wa me, rona Baiseraele re a go itse.’

3Iseraele o latlhile sone se se molemo, mmaba o tlaa mo konatelela.

4“Ba tlhomile dikgosi, mme e seng ka nna; ba dirile dikgosana ke sa go itse; ba itiretse medimo ya disetwa ka selefera sa bone le gouta ya bone, gore ba tle ba kgaolwe.

5O latlhile namane ya gago, wena Samaria; bogale jwa me bo ba tuketse; e tlaa nna lobaka lo lokae ba ise ba fitlhe kwa go tlhokeng molato?

6Gonne le e leng sone se, se tswa mo go Iseraele; modiri o ne a se dira, mme ga se modimo wa sepe; ee, namane ya Samaria e tlaa thubaganngwa.

7Gonne ba jala phefo, mme ba tlaa roba setsuatsue. Ga a na mabele a a emeng; mogwang ga o ketla o ntsha boupe; le fa e ka reng gongwe o ka bo ntsha, baeng ba tlaa bo kometsa.

8Iseraele o komeditswe, jaana ba ntse mo merafeng jaaka sejana se go se nang kgatlhego mo go sone.

9Gonne ba ile Asiria jaaka esela ya naga fela e e leng yosi fela. Eferaime o thapile dinyatsi ka tuelo.

10Ee, le fa ba thapa ka tuelo mo merafeng jaanong ke tlaa ba phutha; mme ba simolola go ngotlwa ka ntlha ya lekgetho la kgosi ya dikgosana.

11“E re ka Eferaime a ntsifaleditse boleo dibeso, dibeso e ne e ntse e le tsa go leofa mo go ene.

12Le fa ke mo kwalela molao wa me ka dikaelo di le makgolo a le lekgolo, di kaiwa gore ke selo se sele fela.

13Ka ga ditlhabelo tsa ditshupelo tsa me, ba isa nama setlhabelo, mme ba e je; Jehofa ga a ba amogele; jaanong o tlaa gakologelwa boikepo jwa bone, a sekisa dibe tsa bone; ba tlaa boela Egepeto.

14Gonne Iseraele o lebetse Modiri wa gagwe, o agile matlo a dikgosi; Juta o ntsifaditse metse e e thekeleditsweng; mme ke tlaa tsenya molelo mo metseng ya gagwe; mme o tlaa laila dikago tse di thata tsa yone.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help