1 Ke nna Paulo, ke moaposetole wa ga Keresete Jesu ka go rata ga Modimo; ke kwalela baitshepi ba ba kwa Efeso, le badumedi mo go Keresete Jesu.
2Ka re: Tshegofatso e nne le lona, le kagiso e e tswang Modimong Rraetsho le Morena Jesu Keresete.
Tshegofatso ya semowa mo go Keresete3A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, o o re segofaditseng ka masego otlhe a semowa mo mannong a sele godimo mo go Keresete.
4Fela jaaka o sa le o re itshenkela mo go ene pele ga motheo wa lefatshe, gore re nne boitshepo le botlhoka bogole fa pele ga one mo loratong,
5ka o re laoletse gale, gore re bone boemo jwa bongwana ka Jesu Keresete, ka fa go rateng ga one,
6gore re nne pako ya kgalalelo ya tshegofatso ya one, e o e re neileng fela mo go ene Moratwi.
7 Re na le thekololo ya rona mo go ene ka madi a gagwe, e bong boitshwarelo jwa ditlolo tsa rona, ka fa dikhumong tsa tshegofatso ya one,
8e o e re totiseditseng ka botlhale jotlhe le matsetseleko.
9O re itsisitse bosaitsiweng jwa go rata ga one, ka fa go kgatlhegeng ga one, mo o go ikaeleletseng,
10jwa go fitlhisa sebaka sa botlalo jwa metlha mo go ene, go tla o sopanyetsa dilo tsotlhe mo go Keresete, e bong dilo tse di kwa magodimong, le dilo tse di mo lefatsheng; ka re, mo go ene.
11Le rona re bileng ra dirwa boswa mo go ene, ka re go laoletswe gale ka fa boikaelelong jwa one o o dirang dilo tsotlhe ka fa kgakololong ya go rata ga one;
12gore re nne pako ya kgalalelo ya one, e bong rona ba re ntseng re solofetse mo go Keresete gale.
13Le lona ka lo utlwile lefoko la boammaaruri, e bong Mafoko a a Molemo a poloko ya lona, ka re, yo e rileng ka lo bile lo dumetse mo go ene, lwa kanelwa mo go ene ka Mowa o o Boitshepo wa polelo ya tsholofetso,
14se e leng sebeelelo sa boswa jwa rona, go isa thekololong ya boswa jo e leng jwa Modimo, go isa pakong ya kgalalelo ya one.
Thapelo ya ga Paulo ya kitso le botlhale15Ke gone ka moo, le nna ke sena go utlwa ka ga tumelo e e mo go lona mo go Morena Jesu, e lo bileng lo e bonatsa mo baitsheping botlhe,
16ke sa khutleng go lo lebogela, ke lo umaka mo merapelong ya me;
17gore Modimo wa Morena wa rona Jesu Keresete, le Rara wa kgalalelo, a ke a lo neye mowa wa botlhale le wa tshenolelo mo kitsong ya one.
18Ka jaana matlho a dipelo tsa lona a sedifaditswe; lo ko lo itse e e leng tsholofetso ya pitso ya one, le e e leng letlotlo la kgalalelo ya boswa jwa one mo baitsheping.
19Le jo e leng bogolo jo bo feteletseng jwa thata ya one ntlheng ya rona ba re dumetseng, ka fa go direng ga thata ya nonofo ya one.
20 Mo o go dirileng mo go Keresete, ka o mo tsosa mo baswing, wa mo dudisa ka fa letsogong la one le legolo mo mannong a selegodimo.
21Kwa godimodimo ga puso yotlhe, le taolo, le thata le bogosi, le maina otlhe a a rewang, e seng mo fatsheng leno losi, e leng le mo go le le tlang,
22 mme wa baya dilo tsotlhe mo taolong fa tlase ga dinao tsa gagwe, wa mo neela phuthego gore a nne tlhogo ya dilo tsotlhe.
23Phuthego ke mmele wa gagwe, botlalo jwa gagwe yo o tlatsang dilo tsotlhe mo go gotlhe fela.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.