SEFELA SA DIFELA 2 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1Ke sethunya sa tshuse ya Sharone, ke sethunya sa boka sa mekgatšha.

Sa Monna

2Jaaka sethunya sa boka se ntse

mo makaikaing,

moratwa wa me

o ntse jalo mo barweetsaneng.

Sa Mosadi

3Jaaka setlhare sa moapole se ntse

mo ditlhareng tsa sekgwa,

moratwa wa me

o ntse jalo mo baneng

ba basimane.

Ka dula mo moriting wa gagwe

ka boitumelo jo bogolo,

mme loungo lwa gagwe lwa utlwala

monate mo ganong la me.

4O ne a nkisa mo ntlong ya meletlo,

mme sekhukhu sa gagwe godimo

ga me e ne e le lorato.

5Nkilola ka ditshwabi tsa mofine,

nthudisa ka boapole;

gonne ke lwadiswa ke lorato.

6Letsogo la gagwe la molema

le ntshameditse,

letsogo la gagwe le legolo

le a ntlamparela.

7Lona bomorwadia Jerusalema,

ke a lo ikanisa ka ditshephe,

le ka dikwalata tsa naga, ka re:

Lo se ka lwa tlhotlheletsa,

le fa e le go tsosa lorato, go tle

go tsamaye go kgatlhege

lona pele.

SEFELA SA BOBEDISa Mosadi

8A lentswe la moratwa wa me!

Bonang, o e tla,

a tlola mo dithabeng,

a kalapa mo dithabaneng.

9Moratwa wa me

o ntse jaaka tshephe

kgotsa kukamana;

bonang, o eme ka fa morago

ga lorako lwa rona,

o okomela teng ka difenseter,

o iponatsa ka diphatlhana

tsa ditswalo.

10Moratwa wa me o ne a bua,

a nthaya a re:

Sa Monna

“Tsoga moratwa wa me,

montlenyana wa me,

mme o tle re tsamae.

11Gonne bona, mariga a fetile,

pula e khutlile, e ile;

12dithunya di bonala mo lefatsheng;

motlha wa melodi ya dinonyane

o fitlhile, le kodu ya lephoi

e utlwala mo fatsheng la rona.

13Mofeige o budusa dikungwa tsa one

tse ditala,

le mafine a thuntse,

u utlwatsa lonko lwa one.

Nanoga moratwa wa me,

montlenyana wa me,

o tle re tsamaye.

14Ao, Letseba la me,

o mo dipharong tsa mafika,

o mo moriting wa felo fa go

mokodumetsa;

a ke bone sefatlhogo sa gago,

a ke utlwe lentswe la gago;

gonne lentswe la gago le monate,

le sefatlhogo sa gago se sentle.

15Re tshwareleng diphokoje,

e bong diphokojane tse di senyang

masimo a mafine;

gonne masimo a rona a mafine a

thuntse.”

Sa Mosadi

16Moratwa wa me ke wa me,

le nna ke wa gagwe;

o hudisa letsomane la gagwe

mo dithunyeng tsa masoma.

17Go tsamaya letsatsi le fefa,

le meriti e tloga,

o boe, moratwa wa me,

mme o nne jaaka tshephe,

kgotsa kukamana mo dithabeng

tsa Bethere.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help