ISAIA 60 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Sione o tla a bona kgalalelo

1Tsoga o phatsime;

gonne lesedi la gago le fitlhile,

le kgalalelo ya ga Jehofa

e go tlhabetse.

2Gonne bona,

lefifi le tlaa bipa lefatshe,

le lefifi le lentshontsho

le tlaa bipa ditšhaba;

mme wena Jehofa o tlaa go tlhabela,

le kgalalelo ya gagwe

e tlaa bonala mo go wena.

3Merafe e tlaa tla leseding la gago,

le dikgosi di tlaa tla phatsimong

ya go tlhaba ga gago.

4Tsholetsa matlho a gago o lebe,

o kobakobe;

ba phuthega botlhe mmogo

ba tla kwa go wena;

bomorwao ba tla, ba tswa kgakala,

le bomorwadio

ba tlaa tsholwa ka mabogo.

5Foo o tlaa ba bona ka boipelo,

mme pelo ya gago e tlaa tlala

boitumelo;

gonne letlotlo la lewatle

le tlaa busediwa kwa go wena,

mahumo a merafe

a tlaa tla kwa go wena.

6Dikamela di tlaa go khurumetsa

ka bontsi,

dikamelana tsa Midiane le Efa;

Bašeba ba tlaa tla botlhe;

ba tlaa lere gouta le maswalo,

ba tlaa bolela dipako

tsa ga Jehofa.

7Matsomane otlhe a Ketare

a tlaa phuthegela kwa go wena,

diphelefu tsa Nebaiothe

di tlaa go direla;

di tlaa tla mo sebesong sa me

ka tebosego,

mme ke tlaa galaletsa

ntlo ya kgalalelo ya me.

8Ke bomang ba,

ba ba fofang jaaka leru,

le jaaka maeba a ya marobeng a one?

9Ruri ditlhake di tlaa nteta,

le dikepe tsa Tarešiše pele,

go lere bomorwao

ba tswa kgakala,

le selefera sa bone

le gouta ya bone nabo,

ka ntlha ya leina la ga Jehofa

Modimo wa gago,

le ka ntlha ya Moitshepi

wa Iseraele,

ka gobo a go galaleditse.

10Baeng ba tlaa tsosa ba aga dithako

tsa gago,

le dikgosi tsa bone di tlaa go direla;

gonne ke ne ka go betsa

mo tšhakgalong ya me,

mme mo botsalanong jwa me

ke go utlwetse botlhoko.

11 Dikgoro tsa gago le tsone

di tlaa nna di bulegile ka gale

le ka gale;

ga di ketla di tswalwa motshegare

le bosigo;

gore batho ba tlise mo go wena

mahumo a merafe,

le dikgosi tsa bone

di tlaa gogwa nabo.

12Gonne morafe o o tlaa ganang

go go direla,

le bogosi, ba tlaa nyelela;

ee, merafe eo, e tlaa senyediwa ruri.

13Kgalalelo ya Lebanone

e tlaa tla mo go wena,

setlhare sa mophane le sa mogonono

di le mmogo le monato;

go ntlefatsa felo ga me ga boitshepo,

mme ke tlaa galaletsa felo

ga dinao tsa me.

14 Bomorwaa bone ba ba kileng

ba ne ba go patika

ba tlaa tla ba go ikobetse;

botlhe ba ba kileng

ba ne ba go nyatsa,

ba tlaa khutšhama

fa dipatong tsa dinao tsa gago;

mme ba tlaa go raya leina ba re:

Motse wa ga Jehofa,

Sione wa Moitshepi wa Iseraele.

15E re ka o ntse o tlhadilwe o ilwa,

ga tsamaya ope a se ka a go ralala,

ke tlaa go dira go nna boitlotlomatso

jo bo sa khutleng,

boitumelo jwa ditshika di le dintsi.

16Le gone o tlaa anya maši a merafe,

o tlaa anya a dikgosi;

mme o tlaa itse fa Nna Jehofa

ke le Mmoloki wa gago,

le Morekolodi wa gago,

Mothata wa ga Jakobe.

17Mo boemong jwa kgotlho

ke tlaa lere gouta,

le kgotlho boemong jwa logong,

ke lere selefera boemong jwa tshipi,

le tshipi boemong jwa maje;

ke tlaa dira maotlana

a gago kagiso,

le badirisi ba gago tshiamo.

18Go thubaka ga go ketla

go tlhola go utlwala

mo lefatsheng la gago,

le fa e le tshwafatso kgotsa tshenyo

mo teng ga melelwane ya gago;

o tlaa raya dithako tsa gago leina

o re: Poloka,

le dikgoro tsa gago o re: Pako.

19 Letsatsi ga le ketla le tlhola

e le lesedi la gago motshegare,

le kgwedi ka go phatsima

ga e ketla e go naya lesedi;

mme Jehofa o tlaa nna lesedi la gago

le le sa khutleng;

le Modimo wa gago

o tlaa nna kgalalelo ya gago.

20Letsatsi la gago

ga le ketla le tlhola le phirima,

le kgwedi ya gago

ga e ketla e tlhola e kotlomela;

gonne Jehofa o tlaa nna

lesedi la gago le le sa khutleng,

mme malatsi a khutsafalo a gago

a tlaa bo a khutlile.

21Batho ba gago le bone

ba tlaa nna tshiamo botlhe,

ba tlaa rua lefatshe

ka bosenabokhutlo;

e le kala ya go tlhongwa ga me,

e le tiro ya diatla tsa me,

gore ke tle ke galalediwe.

22Yo monnye o tlaa tla a nna sekete,

le yo mmotlana

a nna morafe o o thata;

nna Jehofa ke tlaa go akofisa

mo motlheng wa gone.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help