JOBE 37 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Elihu

1“Se le sone pelo ya me

e a se roromela,

e garoge mo felong ga yone.

2Reetsang loratla lwa lentswe la one,

le tumo e e tswang mo molomong

wa one.

3O e dumisetse

fa tlase ga legodimo lotlhe fela,

le logadima lwa one

o lo gadimisetse kwa dikhutlong

tsa lefatshe.

4Morago ga lone go dume kodu;

o dume ka kodu ya borena jwa one;

mme ga o thibe dikgadima

mogang kodu ya one e utlwalang.

5Modimo o duma kgakgamatso

ka kodu ya one,

o dira dilo tse dikgolo

tse re sa kakeng ra di tlhaloganya.

6Gonne o tle o reye kapoko o re:

‘Na mo lefatsheng;’

le pula ya medupe,

le marothodi a ya maebana

a magolo.

7O konela seatla sa motho mongwe

le mongwe;

gore batho botlhe

ba o ba dirileng ba go itse.

8Foo diphologolo le dibatana

di ye mo maiphitlhong,

di nne mo dikutleng tsa tsone.

9Ledimo le tle le tswe mo kutleng

ya borwa;

le serame ntlheng ya botsheka.

10Dikgapetla tsa metsi di abiwa

ka pudulo ya Modimo;

mme boatlhamo jwa metsi bo

gatsediwe.

11Ee, o belesa leru le le kwenneng

metsi;

o phutholole leru la one la logadima;

12le dikolosiwe ka kgoro ya one

gore di tle di dire sengwe le sengwe

se o se di laoletseng

mo lefatsheng lotlhe le le nnwang.

13Le fa o di tlisitse

gore di nne kwatlhao,

kgotsa go thusa lefatshe la one,

kgotsa ka kutlwelobotlhoko.

14“Jobe, a ko o reetse se;

ema fela, o akanye ditiro

tse di gakgamatsang tsa Modimo.

15A o itse ka fa Modimo o tleng

o di laye ka gone,

mme o phatsimise logadima

lwa leru la one ka gone?

16A o itse go retelediwa ga maru

le ditiro tse di gakgamatsang

tsa o o leng boitekanelo mo kitsong?

17Le ka fa diaparo tsa gago

di leng bothitho ka gone

fa lefatshe le tuuletse fela

ka ntlha ya phefo ya borwa?

18A o ka tsharolola nao loapi

lo lo thata

jaaka seiponi se se thetsweng?

19O re rute se re tlaa se buang nao,

gonne ga re kake ra rulaganya puo

ya rona ka ntlha ya lefifi.

20A o ka bolelelwa fa ke rata go bua,

kgotsa a motho o ka eletsa

a ka bo a komediwa?

21Jaana batho ga ba kake ba leba

lesedi fa le phatsima mo loaping;

fa phefo e fetile e lo ntlafaditse.

22Mo ntlheng ya botsheka

go tswa kgalalelo e eketeng

ya botsodutsokwane,

Modimo o na le borena

jo bo boitshegang mo go one.

23Ka ga Mothatayotlhe,

ga re kake ra mo tlhantlhabetsa,

o tlotlometse mo thateng,

mo katlholong le mo tshiamisong

e e tletseng, ga a ketla a patika.

24Mme batho ba mmoifa

ka ntlha ya gone moo;

ga a tlhokomele bape

ba ba pelo e e tlhalefileng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help