DUTERONOME 7 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Batho ba ba itlhophetsweng ba ga Jehofa(Ekes 34:11-16)

1 “E tlaa re mogang Jehofa Modimo wa gago o go fitlhisang mo lefatsheng le o yang go le rua, a kgoromeletse ntle merafe e le mentsi fa pele ga gago: Bahite le Bagiregaše, le Baamore le Bakanana, le Baperise, le Bahife le Bajebuse, merafe e supa e megolo e e nonofileng bogolo go wena;

2mme mogang Jehofa Modimo wa gago o ba go neelang fa pele ga gago o ba kgemetha; foo o ba senyetse ruri; o se ka wa dira kgolagano epe nabo, le fa e le go nna boutlwelobotlhoko mo go bone.

3Le gone o se ka wa nyalana nabo; ngwana wa gago wa mosetsana o se ka wa mo naya ngwana wa bone wa mosimane, le gone o se ka wa tseisa ngwana wa gago wa mosimane ngwana wa bone wa mosetsana.

4Gonne o tlaa faposa morwao mo go ntshaleng morago, gore ba direle medimo e sele, jalo bogale jwa ga Jehofa bo lo tukele, mme a go senye ka bonako.

5 Lo ba direle jaana: Lo rutle dibeso tsa bone, lo thubaganye maje a bone a a emeng metloutlo, lo reme medimako ya bone, le ditshwantsho tsa bone tse di setilweng lo di fise ka molelo.

6 Gonne o tšhaba e e itshepetseng Jehofa Modimo wa gago; Jehofa Modimo wa gago o go itshenketse gore o nne tšhaba ya gagwe e e tlhaolegileng, go feta ditšhaba tsotlhe tse di mo lefatsheng.

7“Jehofa ga a ka a tlhoma lorato lwa gagwe mo go lona, le fa e le go lo itshenkela, ka gore lo ne lo feta ditšhaba tsotlhe ka bontsi; gonne lo ne lo le babotlana mo ditšhabeng tsotlhe fela.

8Jehofa a lo ntsha ka letsogo le le nonofileng, a lo rekolola mo ntlong ya botlhanka, mo seatleng sa ga Faro kgosi ya Egepeto, ka gobo Jehofa o a lo rata, le ka gobo a rata go tlhomamisa ikano e o ne a e ikanetse borra ba lona.

9 Ke gone, itse fa Jehofa Modimo wa gago e le ene Modimo, Modimo o boikanngo, o o tlhomamisang kgolagano ya one le boutlwelobotlhoko jwa one, mo go bone ba ba o ratang, le ba ba tshegetsang ditaolo tsa one, go ya le dikokomana di le sekete.

10Ba ba o ilang, o ba lefele mo matlhong, o ba senye; ga o ketla o nyafalela ene yo o o ilang; o tlaa mo lefela mo matlhong fela.

11Ke gone o tshegetse taolo, le ditao, le dikatlholo tse ke di go laolelang gompieno, go di dira.

Masego go ba ba reetsang melao(Duter 28:1-14)

12 “Go tlaa dirala gore e tlaa re fa lo tlaa bo lo reeditse dikatlholo tse, lo di tshegetsa, lo di dira, Jehofa Modimo wa gago o tlaa go tlhomamisetsa kgolagano le boutlwelobotlhoko jo o bo ikanetseng borraeno.

13O tlaa go rata a go segofatsa, a go ntsifatsa; le gone o tlaa segofatsa loungo lwa mmele wa gago, le loungo lwa lefatshe la gago, mabele a gago, le bojalwa jwa gago jwa mofine, le lookwane lwa gago, loato lwa logamo lwa gago, le loonyana lwa letsomane la gago, mo lefatsheng le o le ikanetseng borraeno, a re o tlaa le ba naya.

14O tlaa segofadiwa bogolo go ditšhaba tsotlhe; ga go ketla go nna le moopa mo go lona wa monna kgotsa wa mosadi kgotsa mo dikgomong tsa lona.

15Jehofa o tlaa tlosa bolwetse jotlhe mo go wena; ga a ketla a baya mo go wena bolwetse bope jwa matlhoko a a bosula a Egepeto, a o a itseng; o tlaa a baya mo go botlhe ba ba go ilang.

16O nyeletse ditšhaba tsotlhe tse Jehofa Modimo wa gago o tlaa di go neelang; leitlho la gago le se ba utlwele botlhoko, le gone o se ka wa direla medimo ya bone; gonne moo e tlaa bo e le seru mo go wena.

17“E tlaa re fa o bua mo pelong ya gago o re: ‘Merafe e, e mentsi e a mpheta; ke tlaa e ruolola jang?’

18O se ka wa e boifa; o gakologelwe sentle se Jehofa Modimo wa gago o se diretseng Faro, le lefatshe lotlhe la Egepeto;

19diteko tse dikgolo tse matlho a gago a di bonyeng, le ditshupo, le dikgakgamatso, le letsogo la nonofo, le letsogo le le otlologileng, dilo tse Jehofa Modimo wa gago o go ntshitseng ka tsone; Jehofa Modimo wa gago o tlaa direla jalo ditšhaba tsotlhe tse o di boifang.

20Gape Jehofa Modimo wa gago o tlaa tlisa moruthwane mo go bone; go tle go tsamaye ba ba setseng, mme ba iphitlha, ba nyelele fa pele ga gago.

21O se ka wa ba tshoga; gonne Jehofa Modimo wa gago o mo gare ga gago, e le Modimo o mogolo o o boitshegang.

22Jehofa Modimo wa gago o tlaa kgoromeletsa ntle merafe eo fa pele ga gago ka thafolo; ga o kake wa e nyeletsa ka lobaka lo le longwe fela, dibatana tsa naga di ka tla tsa go atela.

23Mme Jehofa Modimo wa gago o tlaa e go neela fa pele ga gago, mme o tlaa ba tseanya ka tseanyo e kgolo, go tsamaya e senyega.

24O tlaa tsenya dikgosi tsa yone mo seatleng sa gago, o tlaa dira gore maina a yone a nyelelele ruri fa tlase ga legodimo, ga go ketla go nna monna ope yo o ka nonofang go ema fa pele ga gago, go tle go tsamaye o e senye.

25Ditshwantsho tse di setilweng tsa medimo ya yone lo di fise ka molelo; o se ka wa eletsa selefera kgotsa gouta tse di mo go yone, le fa e le go di itseela; o ka tla wa raelwa ke tsone; gonne ke makgapha mo go Jehofa Modimo wa gago.

26Le gone o se ka wa isa se se makgapha mo ntlong ya gago, wa tswa selo se se neeletsweng jaaka sone; o se ilele ruri, o se tlhoele ruri, gone ke selo se se neeletsweng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help