PESALEMA 53 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Boeleele le boikepo jwa motho(Pes 14:1-7)Masekile wa ga Dafite. Pina ya moopedi yo mogolo; e laeletswe Mahalatha.

1 Seeleele mo pelong ya sone se

rile: “Ga go na Modimo.”

Ba bodile,

ba dirile boikepo jo bo maswe thata;

ga go na ope yo o dirang molemo.

2Modimo o ne wa okomela bana ba

batho o le kwa legodimong,

gore o tle o bone bo go na le

bangwe ba ba tlhaloganyang,

ba senka Modimo.

3Botlhe fela ba boetse kwa morago;

ba atlafetse mmogo;

ga go na ope yo o dirang molemo,

nnyaa, le fa e le yo mongwe fela.

4Ba ba dirang boikepo

a ga ba na kitso?

Ba ba jang batho ba me

ba ba swetsa jaaka ekete

ba ja bogobe,

mme ba bo ba sa bitse Modimo.

5Golo foo ba nna mo poifong

e kgolo kwa poifo e ne e seyo gone;

gonne Modimo o faladitse marapo

a yo o thibelelang go tlhabana nao;

o ba tlhabisitse ditlhong,

gonne Modimo o ba ganne.

6Ao! A bo poloko ya Iseraele

e ka bo e tsile e tswa Sione!

E tlaa re motlhang Modimo

o bosang botshwaro jwa batho

ba one, foo Jakobe o tlaa itumela,

le Iseraele o tlaa ipela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help