PESALEMA 140 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya pabalelo mo babogisingPesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo.

1Jehofa, a ko o nkgolole

mo mothong yo o bosula;

ntibela mo mothong yo o thubakang.

2Ba ba tlhatlhanyang bosenyi

mo pelong tsa bone;

ba tlhola ba ntse

ba phuthegela ntwa ka gale.

3 Ba looditse loleme lwa bone

jaaka noga;

botlhoko jwa šaušawane

bo ka fa tlase ga dipounama

tsa bone. Sela.

4Jehofa, mpoloka mo diatleng tsa

baikepi; ntibela

mo mothong yo o thubakang;

ba ba ikaeletseng gore

ba tlaa faposa dikgato tsa me.

5Bapelompe ba ntshubetse mutlwane

le megala;

ba adile lotloa ka fa tseleng;

ba nthaetse ka diru. Sela.

6Ka raya Jehofa ka re:

“O Modimo wa me;”

sekegela lentswe

la mekokotlelo ya me tsebe, Jehofa.

7Modimo Morena,

thata ya poloko ya me,

o khurumeditse tlhogo ya me

mo letsatsing la tlhabano.

8Jehofa o se ka wa naya moikepi

dikeletso tsa gagwe;

o se ka wa tsweleletsa pele

maano a gagwe a bosula;

ba ka tla ba ikgodisa. Sela.

9Ka ga tlhogo

ya ba ba ntikanyetsang,

a bosenyi jwa dipounama tsa bone

bo ba bipe.

10A magala a a tukang

a wele mo go bone;

a ba latlhelwe mo molelong;

mo mekoleng e e boteng,

gore ba se ka ba tlhola ba tsoga.

11Motho yo o buang bosula

ga a ketla a tlhomamisiwa

mo lefatsheng;

bosula bo tlaa tsoma yo o thubakang

go mo ribegetsa.

12Ke a itse fa Jehofa a tlaa emela

kgang ya yo o patikwang,

le tshiamo ya motlhoki.

13Ruri mosiami o tlaa ntshetsa

leina la gago malebogo;

mothokgami o tlaa aga

fa pele ga gago.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help