PESALEMA 94 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya go busolosa

1Jehofa,

wena Modimo o pusoloso

e leng ya gago,

wena Modimo o pusoloso e leng

ya gago, betlamela ntle.

2Wena moatlhodi wa lefatshe,

itsholetse;

naya ba bopelompe maduo a bone.

3Jehofa, baikepi ba tlaa nna goleele

go le kaye;

baikepi ba tlaa ja koma goleele

go le kaye?

4Ba a balabala,

ba bua ka boitelaganyo;

badira tshiamololo botlhe

ba a ipelafatsa.

5Ba phatlakanya batho ba gago,

Jehofa;

ba tlhokofatsa boswa jwa gago.

6Ba tle ba bolaye mosadi wa

motlholagadi le moeng ba swe,

ba matle masiela.

7Mme ba re:

“Jehofa ga a ketla a bona,

le gone Modimo wa ga Jakobe

ga o ketla o tlhokomela.”

8Tlhokomelang,

lona ba lo leng dieleele mo bathong;

le lona masilo lo tlaa tlhalefa leng?

9Ene yo o tlhomileng tsebe,

a ga a ketla a utlwa?

Ene yo o bopileng leitlho,

a ga a ketla a bona?

10Ene yo o otlhayang merafe,

a ga a ketla a siamisa,

e bong ene yo o rutang motho kitso?

11 Jehofa o itse megopolo ya motho

fa e le lefela fela.

12Go sego monna yo o mo otlhayang,

Jehofa,

o mo ruta ka molao wa gago;

13gore o tle o mo neye

go ikhutsetsa metlha ya pitlagano,

go tsamaye lemena le epelwe

baikepi.

14Gonne Jehofa ga a ketla a latlha

batho ba gagwe, le gone

ga a ketla a tlhala boswa jwa gagwe.

15Gonne katlholo e tlaa boela

mo tshiamong;

le botlhe ba ba thokgameng mo

pelong ba tlaa e sala morago.

16E mang yo o tlaa nkemang nokeng

a ntlhabantsha le badira bosula?

E mang yo o tlaa nkemelang

a ntlhabantsha le badira boikepo?

17Fa Jehofa a ka bo a se ka a nna

thuso ya me,

mowa wa me o ka bo o akofile

wa aga mo tidimalong.

18E rile ke re:

“Lonao lwa me lo a relela,”

boutlwelobotlhoko jwa gago Jehofa,

jwa ntshegetsa.

19Mo bontsing jwa megopolo ya me

e e mo teng ga me,

dikgomotso tsa gago

di tle di jese mowa wa me monate.

20A bonno jwa tshiamololo

bo tlaa amogana nao,

e le se se baakanyang bosenyi

ka molao?

21Ba iphuthela mowa wa mosiami,

ba ba ba sekisa batho

ba ba se nang molato.

22Jehofa e ntse e le ene kago ya me

e e godileng ya phemelo;

le Modimo wa me e ntse ke one

lefika la botshabelo jwa me.

23Mme o ba lereditse

boikepo jwa bone tota,

o tlaa ba kgaola

ba le mo bosuleng jwa bone tota;

Jehofa, Modimo wa rona

o tlaa ba kgaola.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help