PESALEMA 139 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Kitso yotlhe, le tlamelo ya Modimo mo bathong ba onePesalema ya ga Dafite. Ya moopedi yo mogolo.

1Jehofa, o mphukuditse,

mme o nkitsile.

2O itse go dula ga me

la go nanoga ga me,

o tlhaloganyetsa mogopolo wa me

kwa kgakala.

3O hukutsa tselana ya me

le go rapama ga me,

mme o tlwaetse

mekgwa ya me yotlhe fela.

4Gonne ga go na lefoko lepe

mo lolemeng lwa me, fa e se gore,

Jehofa o le itse lotlhe fela.

5O mpotile kwa morago le kwa pele,

o beile seatla sa gago mo go nna.

6Kitso e e ntseng jalo

e nkgakgamatsa bobe;

e kwa godimo,

ga ke ka ke ka fitlha kwa go yone.

7Kana ke ka bo ke ka ya kae

ke tlogela mowa wa gago?

Kgotsa sebonalo sa gago

nka se tshabela kwa kae?

8Fa ke tlhatlogela kwa legodimong,

o bo o le gone;

fa ke ala phate ya me mo Bobipong,

bona, o bo o le gone fela.

9Fa ke tsaya diphuka tsa moso,

ke ba ke aga kwa tengteng

ga dikhutlo tsa lewatle.

10Le gone seatla sa gago

se tlaa bo se nkgoga,

le seatla sa gago se segolo

se tlaa ntshwara.

11Fa ke re:

“Ruri lefifi le tlaa mpipa,

le lesedi le le ntikologileng

le tlaa nna bosigo.”

12Le e leng lefifi ga le go bipele sepe;

mme bosigo bo phatsima jaaka

motshegare; lefifi le lesedi ke mo

go tshwanang fela mo go wena.

13Gonne o bopile diphilo tsa me;

wa mpipa

ke le mo sebopelong sa ga mme.

14Ke tlaa go ntshetsa malebogo;

gonne ke dirilwe ka mo go

boitshegang

le ka mo go gakgamatsang;

di a gakgamatsa, ditiro tsa gago;

mme goo mo,

mowa wa me o a go itse sentle.

15Popego ya me

ga e a ka ya go fitlhegela

jale ka ke dirwa mo bosaitsiweng,

ka ke bopiwa ka maatlametlo

kwa tlasetlase ga lefatshe.

16Matlho a gago

a ne a bona go nna ga me

ke ise ke bopege,

mme mo lokwalong lwa gago

go ne go kwadilwe

ditokololo tsotlhe tsa me,

tse di neng di ntse di bopiwa

ka letsatsi le letsatsi, le mororo

go ise go nne epe ya tsone.

17Le gone, Modimo,

megopolo ya gago e ratega jang

mo go nna! Fa e sopaanye,

e a bo e le kgolo jang!

18Fa nka bo ke e bala,

e a bo e le mentsi thata,

go feta palo ya mošawa;

e a re ke kubuga

ke be ke ntse ke na nao fela.

19Ruri, o tlaa bolaya baikepi,

Modimo;

ke gone ntlogelang,

lona batho ba lo nyorelwang madi

a batho.

20Gonne ba bua maswe ka ga gago,

le baba ba gago

ba umakela leina la gago lefela.

21Jehofa, a ga ke ile bone

ba ba go ilang?

A ga ke a tlhokofadiwa

ke ba ba go tsogologelang?

22Ke a ba ila ka kilo e tona thata;

ke ba kaya e le baba ba me.

23Modimo, a ko o mphukutse,

o bo o itse pelo ya me;

nteka, mme o itse megopolo ya me;

24o bone fa go na le mokgwa mongwe

wa boikepo mo go nna;

mme o nkgoge

mo tseleng e e sa khutleng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help