2 DITIRAFALO 27 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Puso ya ga kgosi Jothame wa Juta(2 Dikg 15:32-38)

1E rile Jothame a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 25; mme a busa ka dinyaga di le 16 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Jeruša morwadia Satoke.

2A dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, jaaka tsotlhe tse Usia rraagwe a ne a di dira; le fa go ntse jalo ga a ka a tsena mo tempeleng ya ga Jehofa. Batho ba bo ba sa ntse ba dira ditiro tsa sebodu.

3A aga kgoro ya godimo ya ntlo ya ga Jehofa, le mo lorakong lwa ga Ofela a aga dikago thata.

4Gape a aga metse mo lefatsheng la makhujana la Juta, le mo dikgweng a aga dikago tsa tlhabanelo, le dikago tse di godileng.

5Le gone a tlhabana le kgosi ya bana ba Amone, mme a ba fenya. Bana ba Amone ba mo naya ka ngwaga oo dikilokerame tsa selefera di le 3 400, le dikgetsi tsa mabele di le 10 000, le dikgetsi tsa barele di le 10 000. Bana ba Amone ba mo naya go le kalo le ka ngwaga wa bobedi le wa boraro.

6Jalo Jothame a nonofa mo gogolo, ka a rulaganya ditsela tsa gagwe fa pele ga Jehofa Modimo wa gagwe.

7Ditiro tse dingwe tsa ga Jothame le dintwa tsotlhe tsa gagwe, le ditsela tsa gagwe, bonang, di kwadilwe mo lokwalong lwa dikgosi tsa Iseraele le Juta.

8O ne a le dinyaga di le 25 fa a simolola go busa, mme a busa ka dinyaga di le 16 mo Jerusalema.

9Jothame a robala le borraagwe, mme ba mo fitlha mo motseng wa ga Dafite; mme Ahase morwawe a busa mo boemong jwa gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help