1Mpoloka, Modimo,
ka leina la gago;
mme o nkatlhole
mo bonatleng jwa gago.
2Utlwa morapelo wa me Modimo;
sekegela mafoko a molomo wa me
tsebe.
3Gonne batho ba sele
ba ntsogologetse,
batho ba ba thubakang
ba tsomile mowa wa me;
ga ba a baya Modimo
fa pele ga bone. Sela.
4Bonang,
Modimo ke mothusi wa me;
Morena o na le ba ba tshegetsang
mowa wa me.
5O tlaa lefetsa bosula
mo babeng ba me; ba senye
mo boammaaruring jwa gago.
6Ke tlaa go isetsa setlhabelo
ka tshupelo e e ntshiwang
ka pelotshweu fela;
ke tlaa ntshetsa leina la gago
malebogo, Jehofa,
gonne le molemo.
7Gonne o nkgolotse
mo tlalelong yotlhe;
leitlho la me le bonye keletso ya me
mo babeng ba me.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
