PESALEMA 142 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Thapelo ya thuso mo motlheng wa matshwenyegoMasekile wa ga Dafite, ka a le mo logageng; Morapelo.

1Ke tlhaeleletsa kwa go Jehofa

ka lentswe la me;

ke isa mokokotlelo kwa go Jehofa

ka lentswe la me.

2Ke gorometsa boitoko jwa me

fa pele ga gagwe;

ke supa tlalelo ya me

fa pele ga gagwe.

3E rile mowa wa me

o phikame mo teng ga me,

wa bo o itse tsela ya me fela.

Mo tseleng e ke tsamayang mo go

yone ba ntshubetse mutlwane.

4Leba ka fa ntlheng

ya letsogo la me le legolo,

mme o bone;

gone ga go na ope yo o nkitseng;

ke tlhaetswe ke botshabelo;

ga go motho ope yo o dirang sepe

ka mowa wa me.

5Ke ne ka tlhaeleletsa

koo go wena, Jehofa, ka re:

“O botshabelo jwa me,

le kabelo ya me,

mo lefatsheng la batshedi.”

6Ela go goa ga me tlhoko,

gonne ke ngotlilwe thata;

nkgolola mo babogising ba me;

gonne ba thata bogolo go nna.

7Ntsha mowa wa me

mo ntlong ya kgolegelo,

gore ke ntshetse leina la gago

malebogo;

basiami ba tlaa ntikanyeletsa;

gonne o tlaa ntirela sentle

ka pelo mo go feteletseng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help