1“Ntlong, re boeleng kwa go Jehofa; gonne o gagotse, mme o tlaa fodisa; o iteile, mme o tlaa re fapa.
2E tlaa re malatsi a le mabedi a sena go feta a re rudise; mo tsatsing la boraro a re kakatlolole, mme re tlaa tshela fa pele ga gagwe.
3A re itseng, re lateleleng go itse Jehofa; go tswa ga gagwe go tlhomame jaaka moso; mme o tlaa tla mo go rona jaaka pula, jaaka pula ya kgogolammoko e e nosang lefatshe.”
4“Wena Eferaime, ke tlaa go dirang? Wena Juta, ke tlaa go dira eng? Gonne molemo wa lona o ntse jaaka leru la ka moso, le jaaka monyo o o tleng o phakele o tloge.
5Ke gone ka moo ke ba remileng ka baperofeti; ke ba bolaile ka mafoko a molomo wa me; mme ditshekiso tsa gago di ntse jaaka lesedi le le tlhakalalang.
6 Gonne ke eletsa boutlwelobotlhoko, e seng setlhabelo; le go itse Modimo bogolo go ditshupelo tse di fisiwang.
Boikwatlhao jo bo senang boammaaruri7“Mme bone ba editse Atame, ba tlodile kgolagano, ba ntiretse ka bonongwane gone.
8Gileate ke motse wa ba ba dirang boikepo, o mathegetsweng ke madi.
9Le jaaka ditlhopha tsa dinokwane di tle di lalele motho, lesomo la baperesiti le bolaya batho jalo mo tseleng e e yang Shekeme; ee, ba dirile mo go botlhodi.
10Mo ntlong ya Baiseraele ke bonye sengwe se se tsitlisang marapo; boaka bo fitlhetswe teng mo go ba Eferaime, ba Iseraele ba leswefetse.
11“Gape, wena Juta o laoletswe thobo, mogang ke busang botshwaro jwa batho ba me.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
