PESALEMA 124 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Pako ya kgololo mo babengSefela sa Ditlhatlogo, sa ga Dafite.

1Fa e ka bo e se Jehofa

yo o neng a le ntlheng ya rona,

a Iseraele a bue jaana a re:

2“Fa e ka bo e se Jehofa,

yo e rileng batho ba re tsogologela

a bo a le ntlheng ya rona;

3ba ka bo ba re komeditse

re sa ntse re utlwa,

jale ka kgakalo ya bone e re tuketse.

4Foo metsi a ka bo a re phikametse,

noka e ka bo e hupeditse

mowa wa rona.

5Foo metsi a a kokomogileng

a ka bo a hupeditse mowa wa rona.”

6A go bakwe Jehofa

yo o se kang a re tsenya

jaaka thopo mo menong a bone.

7Mowa wa rona o falotse

jaaka nonyane mo mutlwaneng

wa bathai;

mutlwane o kgaogile,

mme re falotse.

8Thuso ya rona e mo ineng la ga Jehofa,

yo o dirileng legodimo le lefatshe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help