JOBE 24 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jobe

1“Ana ke go reng,

ka dipaka di sa fitlhegela

Mothatayotlhe,

bone ba ba mo itseng

ga ba boneleng metlha ya gagwe?

2Go na le ba ba sutisang melelwane;

ba gape matsomane ka thata,

ba a hudise.

3Ba gapele koo esela ya lesiela,

ba tseye kgomo

ya mosadi wa motlholagadi

ba e ntshe peelo.

4Ba fapose batlhoki mo tseleng;

bahumanegi ba lefatshe

ba iphitlhe mmogo.

5Bonang, bone ba tswele

kwa tirong ya bone

jaaka diesela tsa naga,

ba batlhe kotlo ka tlhoafalo;

naga e ba ntshetse dijo

tsa bana ba bone.

6Ba ikgele morogo mo nageng;

ba ronope tshimo ya mofine

ya moikepi.

7Ba lale fela ba sa ikatega,

ba se na dikobo, ba bile

ba se na seaparo mo serameng.

8Ba kolobe ka marothodi

a kwa dithabeng,

ba tlamparele lefika

ka go tlhoka boitshubelo.

9Go na le ba ba phamolang lesiela

mo letseleng,

mme ba tseye peelo

mo bahumaneging;

10ba bo ba tle ba tsamaye

ba sa ikatega ba se na diaparo,

mme e re ka ba le tlala,

ba rore dingata tsa mabele;

11ba dire lookwane

mo teng ga dithako tsa batho ba;

ba gate dikgatisetso tsa bone

tsa bojalwa jwa mofine,

mme ba bolawe ke lenyora.

12Batho ba dumadume

ba le mo motseng o montsi,

mowa wa ba ba ntshitsweng dintho

o kgajajege;

le fa go ntse jalo Modimo

ga o go ba kaele go re ke boatla.

13Ba ke ba bone

ba ba tsuololelang lesedi;

ga ba itse ditsela tsa lone,

le gone ga ba nne mo ditselaneng

tsa lone.

14Mmolai wa batho o tsoga boo sa,

a bolaye bahumanegi le batlhoki;

bosigo a nne jaaka legodu.

15Le leitlho la mogokafadi

le tle le lebelele lotlatlana, a re:

‘Ga go leitlho lepe le le tlaa

mponang;’

mme a ikgakise sefatlhogo.

16E re go le lefifi ba phunye mantlo;

mme motshegare ba itswalele;

ga ba itse lesedi.

17Gonne mo go bone botlhe

moso o ntse jaaka moriti wa loso;

gonne ba itse ditherego

tsa moriti wa loso.”

Sofare

18“A fefogele koo

mo godimo ga metsi;

kabelo ya bone

e hutsegile mo lefatsheng;

ga a menoge ka tsela ya masimo

a mafine.

19Letsatsi le mogote

di fedisa metsi a kapoko;

Bobipo o direla jalo

ba ba leofileng.

20Sebopelo se tlaa mo lebala;

seboko se tlaa mo ja botshe;

ga a ketla a tlhola a gakologelwa;

mme tshiamololo e tlaa rojwa

jaaka setlhare.

21O a tle a je a swetse

moopa yo o sa tsaleng;

ga a direle mosadi wa motlholagadi

molemo.

22Diganka le tsone a di gogele koo

ka thata ya gagwe; a nanoge

mme go bo go se na ope

yo o itlhomamisetsang botshelo.

23Modimo o ba neye

go nna thagamong,

mme ba ikaega gone.

Mme matlho a one

a mo ditseleng tsa bone.

24Ba goletsegile, le fa go ntse jalo,

e re kgantele ba bo ba bile ba ile;

ee, ba kokobeditswe,

ba tlositswe mo tseleng

jaaka ba bangwe botlhe fela,

mme ba kgaolwe

jaaka dintlha tsa diako tsa

mabele.

25Fa go sa nna jalo jaanong,

e mang yo o tlaa ntlhomamisang

go re ke moaki,

mme a dire puo ya me

go re e nne e seng sepe?”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help