HABAKUKE 2 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Jehofa o araba Habakuke

1Ke tlaa ema mo tebelong ya me, ke ipaya mo kagong e e godileng, mme ke tlaa lebela koo ntle, gore ke bone se o tlaa se buang le nna, le se ke tlaa se mo fetolang ka ga ngongorego ya me.

2Mme Jehofa a mphetola a re: “Kwala ponatshegelo e, o e dire gore e bonale sentle mo dimating tsa kwalelo, gore motho a tle a e bale a ntse a taboga.

3 Gonne ponatshegelo e sa ntse e na le lobaka lo lo laotsweng, mme e be e itlhaganelela bokhutlo, ga e ketla e aka; le fa e ko e diega, lo e lete; gonne ruri e tlaa tla, ga e ketla e diega.

4 Bonang, mowa wa gagwe o gogomogile, ga o a thokgama mo go ene; mme mosiami o tlaa tshela ka boikanyego jwa gagwe.”

Tshekiso le katlholo ya baikepi

5Ee, gape bojalwa jwa mofine ke bonongwane, ke monna yo o ikgodisang, yo o sa nneng mo gae; yo o atlhamolosang keletso ya gagwe jaaka Bobipo, o ntse jaaka loso, ga a kake a kgorisiwa, mme o iphuthela merafe yotlhe, o ikokoanyetsa ditšhaba tsotlhe fela.

6A botlhe ba ga ba ketla ba mo tlhabeleletsa setshwantsho le seane sa mokgobo, ba re: “A bo go latlhega ene yo o totisang se se seng sa gagwe! Ka lobaka lo lo kaye? Le yo o ikimetsang ka dipeelo!”

7A ga go ketla go nanoga ka tshoganetso ba ba tlaa go lomang, le go kubuga ba ba tlaa go tshwenyang, mme o tlaa nna thopo mo go bone?

8Ka o thopile merafe e le mentsi, masalela otlhe a ditšhaba a tlaa go thopa; ka ntlha ya madi a batho, le ka ntlha ya thubako e e diretsweng lefatshe, e bong motse le botlhe ba ba agileng mo go one.

9A bo go latlhega ene yo o bonelang ntlo ya gagwe papadi e e bosula, gore a tle a tlhome setlhaga sa gagwe kwa godimo, gore a tle a gololwe mo seatleng sa bosula!

10O gakololetse ntlo ya gago ditlhong, ka go kgaola ditšhaba di le dintsi, o bile o leofetse mowa wa gago.

11Gonne lentswe le tlaa kua le le mo lorakong, le mosipuri o le mo dikgonnyeng o tlaa le araba.

12A bo go latlhega ene yo o agang motse ka madi a batho, a tlhoma motse ka boikepo!

13Bonang, a ga go tswe mo go Jehofa wa masomosomo fa e bo ne ne ditšhaba di bapalela molelo, le merafe e itapisetsa lefela?

14 Gonne lefatshe le tlaa tlala kitso ya kgalalelo ya ga Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.

15A bo go latlhega ene yo o nosang wa ga gabo, yo o oketsang ka sekgatlholo sa gago, le gone a mo tagisa gore o tle o lebe bosaikategang jwa bone!

16O tletse ditlhong mo boemong jwa kgalalelo. Le wena nwa, o bo o nne jaaka mongwe yo o sa rupang; senwelo sa seatla sa ga Jehofa se segolo se tlaa menolelwa mo go wena, ditlhong tse di maswe di tlaa nna mo kgalalelong ya gago.

17Gonne thubako e e diretsweng Lebanone e tlaa go khurumetsa, le go senngwa ga dibatana mo go di boifisitseng; ka ntlha ya madi a batho; le ka ntlha ya thubako e e diretsweng lefatshe, le motse le botlhe ba ba agileng mo go one.

18Setshwantsho se se setilweng se thusang, fa e bo ne ne modiri wa sone a se setile; le setshwantsho se se thetsweng, le moruti wa maaka, fa e bo ne ne modiri wa tiro ya gagwe a ikanya mo go sone, a dira medimo ya disetwa e e sa bueng?

19A bo go latlhega ene yo o rayang logong, a re: “Kubuga!” le lentswe le le semumu a, re: “Nanoga!” A leo le tlaa ruta? Bonang, le manegilwe gouta le selefera, mme ga go na mowa ope mo teng ga lone.

20Mme Jehofa ene, o mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo; a lefatshe lotlhe le tuulale fa pele ga gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help