SEFELA SA DIFELA 1 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

1 Sefela sa difela, se e leng sa ga Solomone.

SEFELA SA NTLHASa Mosadi

2A a nkatle ka dikatlo

tsa molomo wa gagwe;

gonne lorato lwa gago lo molemo

bogolo go bojalwa jwa mofine.

3Ditlolo tsa gago

di na le monko o o monate;

leina la gago le ntse jaaka setlolo

se se itshelwang; ke gone ka moo

makgarebane a go ratang.

4Nkgoga,

re tlaa siana re go setse morago;

kgosi e nkisitse

mo matlwaneng a yone;

re tlaa itumela re ipela mo go wena,

re tlaa umaka lorato lwa gago

bogolo go bojalwa jwa mofine;

ba go rata ka tshiamo.

5Ke montsho, mme ke montle,

lona bomorwadia Jerusalema,

jaaka megope ya Ketare,

jaaka disiro tse di lepelelang

tsa ga Solomone.

6Lo se ka lwa nteba,

ka gobo ke le montsho,

ka gobo letsatsi le mpabotse.

Bomorwa mme ba ne ba

nkgakaletse, ba ntira molebedi

wa masimo a mafine;

mme e leng tshimo ya me ya mafine

ga ke a e lebela.

7Mpolelela,

wena yo mowa wa me o go ratang,

kwa o hudisang letsomane la gago

gone,

kwa o le bothisang gone

go le motshegare;

gonne ke tlaa bo ke nnelang

jaaka mongwe yo o kailang

mo matsomaneng

a bankane ba gago?

Sa Monna

8Fa o sa itse,

wena yo montlentle bogolo

mo basading,

tswa le motlhala wa matsomane,

mme o hudise dipotsane tsa gago

fa megopeng ya badisa.

9Moratwa wa me,

ke go tshwantshitse le pitse

mo dikareng tsa ga Faro.

10Marama a gago a mantle

ka metshopho ya moriri,

le thamo ya gago

ka majana a a tlhokegang

a a fololetsweng.

11Re tlaa go direla metsila ya gouta

e na le kgotlwana tsa selefera.

Sa Mosadi

12E rile kgosi e dutse

fa bojelong jwa yone,

bolao jwa me jwa nareto

jwa utlwatsa monko wa jone.

13Mo go nna moratwa wa me

o ntse jaaka ngatana ya mera,

e e lalang fa gare ga mabele ame.

14Mo go nna moratwa wa me

o ntse jaaka lerose la dithunya tsa

motlhatswameno

mo masimong a mafine a Enegedi.

Sa Monna

15Bona, o montle, moratwa wa me;

bona, o montle;

matlho a gago a ntse jaaka matseba.

Sa Mosadi

16Bona o montle, moratwa wa me,

ee, o natefo;

bolao jwa rona bo bile bo botala.

17Mesipuri ya ntlo ya rona

ke masetara,

le ditlhomeso tsa rona ke marukuru.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help