MIKA 7 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Tshenyego ya Baiseraele

1A motlho wa mogolo nna!

Gonne ke ntse jaaka

fa ba sena go phutha maungo

a selemo, jaaka maronopo a difine;

ga go na lerose le le ka jewang,

mowa wa me o eletsa feige

ya lebutswapele.

2Motho yo o moetsa Modimo

o fedile o dule mo lefatsheng,

ga go na ope

yo o thokgameng mo bathong;

botlhe fela ba lalela madi

go a tsholola;

mongwe le mongwe

o tsoma ngwana a rraagwe

ka lotloa.

3Diatla tsa bone

di mo go sone se se bosula

go se dira ka tlhoafalo;

kgosana e tle e lope,

le moatlhodi o ba a iketleeditse

go atlhola ka tuelo;

le motho yo mogolo

o bua bosenyi

jo bo mo moeng wa gagwe,

ba bo loga jalo mmogo.

4Le yo o molemo bogolo

mo go bone

o ntse jaaka mongana;

yo o thokgameng bogolo

o gaisa logora lwa mitlwa ka bosula;

motlha wa balebedi ba gago,

e bong wa kgophololo ya gago,

o tsile; jaanong ke gone

go tlaa nnang kakabalo ya bone.

5Lo se ka lwa ikanya tsala,

lo se ka lwa ikanya mogogi;

o dibele mejako ya molomo wa gago

mo go ene mosadi

yo o robalang mo sefubeng sa gago.

6 Gonne ngwana wa mosimane

o tlotlolola rraagwe,

ngwana wa mosetsana

o tsogologela mmaagwe,

le ngwetsi

o tsogologela matsalaagwe,

mme baba ba monna

e be e le batho ba ntlo ya gagwe.

7Mme ka ga, me,

ke tlaa leba kwa go Jehofa;

ke tla lebelela.

Modimo wa poloko ya me;

Modimo wa me o tlaa nkutlwa.

Jehofa o lere poloko

8O se ka wa itumela ka ga me,

wena mmaba wa me;

mogang ke wang, ke tlaa tsoga;

mogang ke dulang mo lefifing,

Jehofa o tlaa nna lesedi

mo go nna.

9Ke tlaa belega kgakalo ya ga Jehofa

ka ke mo leofetse,

go tsamaya a ganelela

mafoko a me,

mme a ntirela tshiamiso.

O tlaa nntshetsa mo leseding

mme ke tlaa bona tshiamo

ya gagwe.

10Foo mmaba wa me o tlaa go bona,

mme ditlhong

di tlaa mo khurumetsa

yo o ntheileng a re:

“Jehofa Modimo wa gago o kae?”

Matlho a me a tlaa mmona;

jaanong o tlaa gatakwa

jaaka seretse sa mebila.

11A motlha wa go aga dithako tsa

gago!

Mo motlheng oo molelwane

o tlaa katosediwa kgakala.

12Mo motlheng oo

ba tlaa tla mo go wena,

ba tswa Asiria

le kwa metseng ya Egepeto,

go tswa Egepeto

go ya fela kwa Nokeng,

le go tswa lewatleng,

go ya lewatleng le lengwe,

le go tswa thabeng

go ya thabeng e nngwe.

13Le fa go ntse jalo

lefatshe le tlaa nna tshwafalo

ka ntlha ya ba ba agileng

mo go lone,

ka ntlha ya loungo

lwa ditiro tsa bone.

Jehofa o utlwela Iseraele botlhoko

14Fudisa batho ba gago

ka kgoge ya gago,

letsomane la boswa jwa gago

ba ba agileng ba le bosi,

mo sekgweng mo gare ga Karemele:

a ba hule mo Bašane le Gileate,

jaaka mo metlheng ya bogologolo.

15“Jaaka mo metlheng ya go tswa

ga gago kwa lefatsheng la Egepeto,

ke tlaa mo supetsa

dilo tse di gakgamatsang.”

16Merafe e tlaa bona

e ba e tlhajwa ke ditlhong

ka thata yotlhe ya bone;

ba tlaa ipaya seatla mo molomong,

ditsebe tsa bone di tlaa kabala.

17Ba tlaa latswa lorole jaaka noga,

jaaka dilo tse di gagabang tsa lefatshe,

ba tlaa tswa ba roroma

mo mafelong a bone a dikutla;

ba tlaa tla mo go Jehofa

Modimo wa rona ka poifo,

mme ba tlaa boifa ka ntlha

ya gago.

18Ana Modimo o o tshwanang nao

ke ofe,

o o itshwarelang boikepo,

o iphapaanye le tlolo

ya masalela a boswa ja one?

Ga o tshegetse bogale jwa one

ka bosakhutleng,

ka o rata boutlwelobotlhoko.

19O tlaa ba o retologa,

o tlaa re tlhomogela pelo;

o tlaa gata maikepo a rona

ka dinao.

O tlaa latlhela maleo otlhe a bone

mo botennyeng jwa lewatle.

20O tlaa tlhomamisetsa Jakobe

boammaaruri,

le Aberahame boutlwelobotlhoko,

jo o bo ikanetseng borraetsho

mo metlheng ya bogologolo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help