1 SAMUELE 9 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Saule o kopana le Samuele

1Jaana ga bo go le monna mongwe wa Babenjamine, yo leina la gagwe e ne e le Kiše, morwa Abiele, morwa Zeror, morwa Bekorathe, morwa Afia, morwa motho wa Mobenjamine, e le monna yo o seganka se se pelokgale.

2A bo a na le ngwana wa mosimane, leina la gagwe e le Saule, e le lekau, a le montle; mme mo baneng ba Iseraele go ne go se na motho yo montle bogolo go ene; go tswa maruding go ya kwa godimo a feta batho ba bangwe botlhe fela.

3Diesela tsa ga Kiše, rraagwe Saule, tsa bo di timetse. Kiše a raya Saule morwawe a re: “A ko o tseye motlhanka, o nanoge, o ye go batla diesela.”

4Mme a ralala lefatshe la Eferaime la makgabana, a ba a ralala lefatshe la Shališa, mme ba se ka ba di bona, a ralala lefatshe la Shaalime, mme di ne di se gone; a ralala lefatshe la Babenjamine, mme ba se ka ba di bona.

5E rile ba sena go fitlha mo lefatsheng la Sufe, Saule a raya motlhanka wa gagwe yo o nang nae a re: “A re ke re boe; a tlaa re gongwe rre a khutle go tlhokomela diesela a gopole rona.”

6A mo raya a re: “Bona jaana, go na le monna wa Modimo mo motseng o, ke monna yo o tlotlegang; tsotlhe tse o di buang di tle di dirale ruri; a re ye gone; e tlaa re gongwe a re bolelele ka ga loeto lwa rona lo re mo go lone.”

7Foo Saule a raya motlhanka wa gagwe a re: “Bona, fa re ya re tlaa ya le eng kwa monneng yoo? Ka senkgwe se fedile mo ditokelong tsa rona, ga go na mpho e re ka yang nayo kwa monneng yoo wa Modimo; re na le eng?”

8Motlhanka a fetola Saule gape a re: “Bona, ke tshotse ledi la kgaogano ya bone ya šekela sa selefera; yone ke tlaa e naya monna wa Modimo, gore a re bolelele tsela ya rona.”

9(E re gale mo Iseraele fa motho a ne a ya go botsa Modimo, o ne a tle a bue jaana a re: “A re yeng Molebing;” ka yo o bidiwang Moperofeti gompieno, gale o ne a bidiwa Molebi.)

10Foo Saule a raya motlhanka wa gagwe a re: “O bolelela ruri; a re ye.” Jalo ba ya motseng kwa monna wa Modimo o gone.

11E rile ba le fa botlhatlogong go ya kwa motseng, ba fitlhela barweetsana ba ba yang go ga, ba ba raya ba re: “A molebi o mono?”

12Ba ba fetola ba re: “O gone, o fa pele ga gago; itlhaganele, gonne o tsile gompieno mo motseng; ka batho ba na le tlhabelo gompieno mo felong fa go tlotlometseng.

13“Lo tlaa re fela lo sena go tsena mo motseng lo akofe lo mmone, a ise a tlhatlogele kwa felong fa go tlotlometseng a ya go ja; gonne batho ga ba ketla ba a ja a ise a tle, ka gobo o tla a segofatse tlhabelo; morago go je ba ba laleditsweng. Ke gone jaana tlhatlogang; gonne ka lobaka lono lo tlaa mo fitlhela.”

14Ba tlhatlogela kwa motseng; ya re ba sa tsena mo motseng; ya re ba sa tsena mo motseng, bona, Samuele a bo a tla go rakana nabo, gore a tlhatlogele kwa felong fa go tlotlometsing.

15Jaana Jehofa o ne a letse a senoletse Samuele, Saule a ise a tle, a re:

16“E tlaa re ka moso go riana, ke tlaa roma kwa go wena monna mongwe yo o tswang lefatsheng la Benjamine, mme o mo tlotse, gore a nne kgosana ya tšhaba ya me Iseraele, mme o tlaa golola tšhaba ya me mo seatleng sa Bafilisitia; gonne ke lebile tšhaba ya me, ka go kgajajega ga bone go fitlhile mo go nna.”

17Ya re Samuele a bona Saule, Jehofa a mo raya a re: “Bona monna yo ke buileng nao ka ga gagwe, ke yo; ene o tlaa nna le taolo mo bathong ba me.”

18Foo Saule a atamela Samuele mo kgorong, a re: “A ko o mpolelele kwa ntlo ya molebi e gone.”

19Samuele a fetola Saule a re: “Ke nna molebi; a re ye koo, re ye kwa felong fa go tlotlometseng, gonne lo tlaa ja le nna gompieno; mme e tlaa re ka moso ke go neye tsela, ke go bolelele gotlhe mo go mo pelong ya gago.

20Ka ga diesela tsa gago tse di tsereng malatsi a mararo di ntse di timetse, o se ka wa di gopola bobe; gonne di bonywe. Mme gotlhe mo go eletsegang mo Iseraele ke ga mang? A ga se ga gago, le ga botlhe ba ntlo ya ga rraago?”

21Saule a mo fetola a re: “A ga ke Mobenjamine wa lotso lo lobotlana lwa ditso tsa Iseraele, le losika lwa me ke lo lobotlana mo ditshikeng tsotlhe tsa lotso lwa Benjamine? Kana o buelang le nna ka mokgwa o o ntseng jalo?”

22Samuele a tsaya Saule le motlhanka wa gagwe, a ba isa mo ntlwaneng e e tseelang baeng, a ba dudisa mo mannong a a tlotlegang mo go ba ba laleditsweng, ba e ka ne e le batho ba le 30.

23Samuele a raya moapei a re: “Lere kabo e ke e go neetseng, e ke go reileng ka re: ‘O e beye fa go wena.’ ”

24Moapei a tsaya serope le se se mo go sone, a se baya fa pele ga Saule. Samuele a re: “Bona mo go ne go sadisitswe! O go beye fa pele ga gago, o je: gonne go ne go boloketswe wena, go beetswe lobaka lo lo laotsweng, ka ke rile, ke laleditse batho.” Jalo Saule a ja le Samuele ka tsatsi leo.

25E rile ba sena go fologa mo felong fa go tlotlometseng ba tla mo motseng, ba bua mmogo ba le mo godimo ga ntlo.

Samuele o tlotsa Saule lookwane lwa bogosi

26Mme ba phakela: ga dirala ya re e ka ne e le ka lobaka lwa mahube a moso, Samuele a bitsa Saule kwa godimo ga ntlo a re: “Tsoga, gore ke tle ke go neye tsela.” Saule a tsoga, mme ba tswela kwa ntle boo babedi, ene le Samuele.

27Ya re ba fologa kwa sekhutlong sa motse, Samuele a raya Saule a re: “Raya motlhanka a fetele kwa pele ga rone,” (mme a fetela pele), “wena, ema fela ka lobaka lone, gore ke tle ke go utlwise lefoko la Modimo.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help