2 SAMUELE 12 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Molaetsa wa ga Nathane le boikwatlhao jwa ga Dafite

1 Jehofa a roma Nathane kwa go Dafite. A tla mo go ene, a mo raya a re: “Go kile ga ne go le banna ba le babedi mo motseng o le mongwe fela; mongwe a humile, mme yo mongwe a humanegile.

2Monna wa mohumi a na le matsomane a le mantsi, le matlhape a le mantsi;

3mme monna wa sehumanegi a se na sepe fa e se kwanyana e namagatsanyana e le nngwe fela, e o ne a e rekile a e otlile; mme ya gola e nna nae le bana ba gagwe; e ne e ja dijo tsa gagwe, e nwa ga senwelo sa gagwe, e robala mo sehubeng sa gagwe, e nna mo go ene jaaka e ka bo e le ngwana wa mosetsana fela.

4Monna wa mohumi a gorogelwa ke motsamai mongwe, mme a rekegela letsomane la gagwe le matlhape a gagwe, go tsaya mo go one go tlhabisa motho wa motsamai yo o mo gorogetseng, mme a gapa kwanyana ya monna wa sehumanegi, a e tlhabisa motho yo o mo gorogetseng.”

5Bogale jwa ga Dafite jwa tukela monna yoo; a raya Nathane a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, monna yo o dirileng seo se o tshwanetse go swa;

6o tlaa lefa kwanyana ka go le gone, ka a dirile selo se, le ka gonne o ne a se ka a tlhomoga pelo.”

7Nathane a raya Dafite a re: “Ke wena monna yoo. Jehofa Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: ‘Ke go tloditse gore o tle o nne kgosi ya Iseraele, ka go golola mo seatleng sa ga Saule;

8ka go naya ntlo ya mong wa gago, le basadi ba mong wa gago mo sehubeng sa gago, ka go naya ba ntlo ya Iseraele le ya Bajuta; mme fa moo go ka bo go ne go le gobotlana bobe, nka bo ke go okeleditse ka dilo dingwe le dingwe.

9Ana o nyaditse lefoko la ga Jehofa ka ntlha yang, wa dira se se bosula mo matlhong a gagwe? O remile Uria wa Mohite ka tšhaka, o bile o tshotse mosadi wa gagwe gore a nne mosadi wa gago, o mmolaisitse tšhaka ya bana ba Amone.

10Ke gone, tšhaka ga e ketla e tlhola e tlogela ntlo ya gago; ka o nnyaditse, mme wa tsaya mosadi wa ga Uria wa Mohite gore a nne mosadi wa gago.’

11 Jehofa o bua jaana a re: ‘Bona, ke tlaa go tsosetsa bosula mo go ba e leng ba ntlo ya gago, ke tlaa tsaya basadi ba gago, fa pele ga matlho a gago ke ba naya wa gaeno, mme o tlaa lala le basadi ba gago mo ponong ya letsatsi le.

12Gonne wena o se dirile mo sephiring; nna ke tlaa dira selo se fa pele ga Baiseraele botlhe, le fa pele ga letsatsi.’ ”

13Dafite a raya Nathane a re: “Ke leofetse Jehofa.” Nathane a raya Dafite a re: “Jehofa le ene o tlositse boleo jwa gago; ga o ketla oo swa.

14Le fa go ntse jalo, e re ka o neile baba ba ga Jehofa thata e kgolo ya go tlhapatsa ka tiro e, le ngwana yo o mmonyeng o tlaa swa ruri.”

Dafite o tlhokafalelwa ke morwawe

15Nathane a tloga a ya kwa ga gagwe. Jehofa a itaya ngwana yo mosadi wa ga Uria o mmonyeng le Dafite, mme a nna botlhoko thata.

16Ya re ka ntlha ya moo Dafite a rapelela ngwana mo Modimong; mme a ikitsa go ja, a tsena a lala a totometse fa fatshe bosigo jotlhe.

17Bagolwane ba ntlo ya gagwe ba nanoga, ba ema fa go ene, go tla ba mo kakatlolola fa fatshe; mme a gana, le gone a se ka a ja dijo nabo.

18Ga dirala ya re ka letsatsi la bosupa, ngwana a swa. Mme batlhanka ba ga Dafite ba boifa go mmolelela fa ngwana a sule; ka ba re: “Bonang, e rile ngwana a sa ntse a tshedile, ra bua nae, mme a se ka a reetsa lentswe la rona; o tlaa itshwenya bogolo jang fa re mmolelela go re ngwana o sule!”

19Mme e rile Dafite a bona batlhanka ba gagwe ba sebetsanya, a lemoga fa ngwana a sule; a raya batlhanka ba gagwe a re: “A ngwana o sule?” Ba re: “O sule.”

20Foo Dafite a tloga fa fatshe, a tlhapa, a tlola, a apara diaparo di sele; a tla mo ntlong ya ga Jehofa, a obama; foo a tla mo ntlong e e leng ya gagwe; ya re a batla jalo, ba baya dijo fa pele ga gagwe, mme a ja.

21Foo batlhanka ba gagwe ba mo raya ba re: “Ana ke eng selo se o se dirileng? E rile ngwana a sa ntse a tshedile, wa ikitsa go ja, wa mo lelela; mme ya re ngwana a sena go swa o ema o ja dijo.”

22A re: “E rile ngwana a sa ntse a tshedile ka ikitsa go ja, ka lela; gonne ke itheile ka re: ‘Go itse mang boo Jehofa ga a kake a nna boutlwelo botlhoko mo go nna gore ngwana a tshele?’

23Jaana ka a sule nka bo ke ikiletsang go ja? A ke ka ba ka mmusa? Ke tlaa ya kwa go ene, ene ga a ketla a boela kwano go nna.”

Solomone o a tsholwa

24Dafite a gomotsa Bathešeba mosadi wa gagwe, a tsena kwa go ene a lala nae; mme a bona ngwana wa mosimane, a mo raya leina a re Solomone.

25Jehofa a mo rata; mme a roma ka Nathane moperofeti, a mo raya leina a re Jedidia, ka ntlha ya ga Jehofa.

Dafite o gapa Raba(1 Ditiraf 20:1-3)

26Jaana Joabe a tlhabana le Raba wa bana ba Amone, mme a gapa motse wa segosi.

27Joabe a roma batho kwa go Dafite a re: “Ke tlhabanye le Raba, ee, ke gapile motse wa dinoka.

28Ke gone jaana, phutha batho ba ba setseng, o thibelelele motse, o o gape; nka tla ka gapa motse, wa reelelwa leina la me.”

29Dafite a phutha batho botlhe, a ya kwa Raba, a o tlhasela, a o gapa.

30A tsaya serwalo sa kgosi ya bone a se tlosa mo tlhogong ya yone; bokete jwa sone bo ne bo le talenta ya gouta, mo go sone go le majana a a tlhokegang; mme sa bewa mo tlhogong ya ga Dafite. A ntshetsa thopo ya motse kwa ntle, e le kgolo thata.

31Batho ba ba mo go one a ba ntshetsa kwa ntle, a ba baya fa tlase ga dišage le fa tlase ga dikokola tsa tshipi, le fa tlase ga dilepe tsa tshipi, a ba raladisa bobesetso jwa setene; a direla metse yotlhe ya bana ba Amone jalo. Mme Dafite le batho botlhe ba boela Jerusalema.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help