2 DIKGOSI 4 - SetswanaTswana 1908/1992(TSW08NO)

Eliša o thusa mosadi wa motlholagadi

1Mosadi mongwe wa basadi ba bomorwa baperofeti a isa selelo kwa go Eliša, a re: “Motlhanka wa gago, monna wa me, o sule; o a itse fa motlhanka wa gago a ne a boifa Jehofa; mme motho yo go tshotsweng dilo molato mo go ene o tsile go itseela bana ba me ba babedi go ba ntsha batlhanka.”

2Eliša a mo raya a re: “Ke tlaa go direlang? Mpolelela, o na le eng mo ntlong?” A re: “Lelata la gago ga le na sepe mo ntlong, fa e se nkgwanyana ya lookwane.”

3Foo a re: “Ya o adime dinkgwana mo go bagaeno botlhe fela, e bong dinkgwana tse di se nang sepe; o di adime di se dinnye.

4O tsene mo ntlong, o itswalele mo teng le bomorwao, o bo o thele lookwane mo dinkgwaneng tseo tsotlhe; tse di tletseng o di beye fa thoko.”

5Jalo a tloga fa go ene a ya a itswalela le bomorwawe; bone ba isa dinkgwana kwa go ene, ene a di thela.

6Ga dirala ya re dinkgwana di sena go tlala, a raya morwawe a re: “Ba o nteretse nkgwana e nngwe gape.” A mo raya a re: “Ga go tlhole go le nkgwana epe.” Mme lookwane lwa ema.

7Foo a tla a bolelela monna wa Modimo. Ene a re: “Ya o rekise lookwane, o duele molato wa gago, o tshele ka lo lo tlaa salang, wena le bomorwao.”

Eliša le mosadi wa mohumi wa Mošuneme

8Ga dirala ya re ka letsatsi lengwe Eliša a fetela kwa Shuneme, kwa go ne go na le mosadi mongwe yo mogolo teng, mosadi a mo rapela thata gore a je dijo. Ga nna jalo, gongwe le gongwe fa a feta, a fapogele gone a ye go ja dijo.

9Mosadi a raya monna wa gagwe a re: “Ke lemoga fa monna yo o tlholang a feta ka rona e le monna yo o itshepileng wa ga Jehofa.

10Ke a go rapela, a re ke re dire ntlwana mo lorakong; re mo alele bolao gone, le lomati lwa bojelo, le setulo, le setlhomo sa lobone; go tlaa dirala go re fa a tla ka rona a fapogele gone.”

11Ga dirala ya re ka letsatsi lengwe, a tla gone, a fapogela mo ntlwaneng, a rapama gone.

12A raya Gehasi motlhanka wa gagwe a re: “Bitsa Mošuneme yoo.” Ya re a sena go mmitsa, a tla a ema fa pele ga gagwe.

13A mo raya a re: “O reye mosadi o re: Bona, o re bolokile ka poloka yotlhe e; o ka direlwang? A o rata go buelelwa kwa kgosing, kgotsa mo molaoding wa ntwa?” Mosadi a mo fetola a re: “Ke agile fela mo bathong ba gaetsho.”

14Mme a re: “Ana foo o ka direlwang?” Gehasi a re: “Ruri, ga a na ngwana wa mosimane, le monna wa gagwe o tsofetse.”

15A re: “Mmitse.” Ya re a sena go mmitsa, a tla a ema fa mojakong.

16Eliša a re: “E tlaa re go le nako eno, fa motlha o fitlhile, o tlaa tlamparela ngwana wa mosimane.” Mme mosadi a re: “Nnyaa, morena wa me, monna wa Modimo, o se ka wa aketsa lelata la gago.”

17Mme mosadi a ithwala, a bona ngwana wa mosimane mo lobakeng loo, motlha o sena go fitlha, jaaka Eliša a mo reile.

18E rile ngwana a sena go gola, ga dirala ya re ka letsatsi lengwe, a tswela kwa go rraagwe kwa baseging ba mabele.

19A raya rraagwe a re: “A tlhogo ya me! a tlhogo ya me!” A raya motlhanka wa gagwe a re: “Mo ise kwa go mmaagwe.”

20E rile a sena go mo tsaya, a mo isitse kwa go mmaagwe, a dula mo mangoleng a gagwe go ya motshegareng, a itse go swa.

21Mmaagwe a ya a mmaya mo bolaong jwa monna wa Modimo, a mo tswalela, mme a tswa.

22A bitsa monna wa gagwe a re: “Ke a go rapela, a ko o nthomele motlhanka mongwe, le esela nngwe, gore ke sianele kwa monneng wa Modimo, ke itse go tla.”

23Monna a re: “O elang kwa go ene gompieno? Ga go rogwe kgwedi, e bile ga go Sabata.” Mosadi a re: “Nnyaa, lesa go siame fela.”

24Foo a belesa esela, a raya motlhanka wa gagwe a re: “E kgweetse, re tsamaye; o se ka wa ntiya mo loetong fa ke sa go laole jalo.”

25Jalo a tsamaya, a ya a fitlha kwa monneng wa Modimo kwa thabeng ya Karemele. Ga dirala ya re monna wa Modimo a mmona a sa le kgakala, a raya motlhanka wa gagwe Gehasi a re: “Bona, mosadi wa Mošuneme ke yole.

26A ko o siane o ye go mo kgatlhantsha, o mo reye o re: A go molemo koo go wena? A go molemo koo monneng wa gago, a go molemo koo ngwaneng?” Mosadi a fetola a re: “Go molemo.”

27Ya re a fitlha kwa monneng wa Modimo kwa thabeng, a mo tshwara dinao. Gehasi a atamela a re o a mo kgorometsa; mme monna wa Modimo a re: “Mo lese, gonne mowa wa gagwe o hutsafetse mo teng ga gagwe; Jehofa o go ntobetse, ga a ka a mpolelela.”

28Foo mosadi a re: “A nkile ka eletsa ngwana wa mosimane mo moreneng wa me? A ga a re: O se ka wa ntsietsa?”

29Foo a raya Gehasi a re: “Ikokwaele lotheka, o tseye tsamma ya me mo seatleng, o tsamaye; fa o kopana le mongwe, o se ka wa mo dumedisa; fa mongwe a go dumedisa, o se ka wa mo araba; mme o fitlhe o beye tsamma ya me mo sefatlhogong sa ngwana.”

30Mma ngwana a re: “Jaaka Jehofa a tshedile, le jaaka mowa wa gago o tshedile ga nketla ke go tlogela.” A nanoga, a sala mosadi morago.

31Gehasi a ba fetela pele, a fitlha a baya tsamma mo sefatlhogong sa ngwana; mme go ne go se na lentswe, le fa e le kutlo. Ka ntlha ya moo a boa a tla go mo kgatlhantsha, a mmolelela a re: “Ngwana ga a tsoge.”

32Ya re Eliša a sena go tla mo ntlong, bonang, ngwana a bo a sule, a bile a beilwe mo bolaong jwa gagwe.

33Foo a tsena, a ikgoseletsa mo ntlong ba le babedi nae, a rapela Jehofa.

34A ya a rapama mo godimo ga ngwana, a baya molomo wa gagwe mo molomong wa gagwe, le matlho mo matlhong a gagwe, le diatla tsa gagwe mo diatleng tsa gagwe; a ikotlololela mo go ene; mme nama ya ngwana ya thuthafala.

35Foo a boa, a tsamayatsamaya mo ntlong gangwe fela; a ba a ya a ikotlololela mo go ene; mme ngwana a ethimola gasupa, ngwana a ba a budulola matlho.

36A bitsa Gehasi, a re: “Bitsa motho yo wa Mošuneme.” A bitsa mosadi. Ya re a sena go tsena kwa go ene, a re: “Tsaya morwao.”

37Foo a tsena, a wela fa dinaong tsa ga Eliša, a ikobela fa fatshe; a tsaya morwawe, mme a tswa.

Dikgakgamatso tse dingwe gape tsa ga Eliša

38Eliša a boela gape kwa Gilegale; go ne go le leuba mo lefatsheng; bomorwa baperofeti ba ne ba dutse fa pele ga gagwe. Mme a raya motlhanka wa gagwe a re a tlhatlaye pitsa e kgolo, a apeele bomorwa baperofeti logodu.

39Mongwe a tswela kwa nageng a ya go ga merogo, mme a fitlhela menamo, a gokga mosumo mongwe mo go yone wa tlala ka kobo ya gagwe, a tla a o gabelela mo pitseng ya logodu; gonne ba ne ba sa o itse.

40Ba tsholela banna bao, gore ba je. Ga dirala ya re ba ja logodu ba goa ba re: “Monna wa Modimo wee, go na le loso mo pitseng!” Mme ba retelelwa ke go e ja.

41A re: “Lereng boupe.” A bo fagela mo pitseng, a re: “Tsholelang batho gore ba je.” Mme ga bo go sa tlhole go le molato ope mo pitseng.

42Ga tla monna mongwe a tswa Baale-Šališa, a lereditse monna wa Modimo dinkgwe tsa mabutswapele, dinkgwe tsa barele di le 20, le diako tse dintšha tsa mabele mo kgetsing ya gagwe. Mme a re: “Nayang batho ba je.”

43Mme motlhanka wa gagwe a re: “Wa reng? A ke ke beye go mo fa pele ga banna ba le lekgolo?” Mme ene a re: “Naya batho fela, gore ba je; gonne Jehofa o bua jaana, a re: ‘Ba tlaa ja ba ba ba sadisa.’ ”

44Mme a se baya fa pele ga bone, mme ba ja, ba sadisa, jaaka lefoko la ga Jehofa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help